Banni ba Ralenyeletse ba ganetsa magatwe
12 Jul 2020
Banni ba masimo a Ralenyeletse gaufi le Selebi Phikwe ba ganeditse puo e e reng ba ipeile fela kwa lefelong leo.
Mongwe bone, Mme Kereboletse Mokhondo, o tlhalositse mo potsolosong fa masimo a Ralenyeletse a sale a bewa pele ga go nna teng ga lekgotla la kabo ditsha.
Ka jalo banni ga ba na ditlankana tse di supang fa e le beng ba lefelo leo.
A re batho ba Ralenyeletse ba tswa kwa Mmadinare mme ba lema kwa masimong a Boswelakgomo mme ba ntshiwa ke dikgosi tsa Mmadinare kwa lefelong leo go sutela moepo wa BCL.
“Re batho ba Mmadinare ga re bo-maipayafela jaaka bangwe ba akanya,” ga tlhalosa Mme Mokhondo.
A re ba gorogile kwa lefelong leo e le malwapa a le mane fela mme morago ga goroga ba bangwe go tlatsa palo ya bone.
A re bangwe ba setse ba kile ba ipaya fela gaufi le bone mme ba felela ba thubelwa ke puso.
Mme Mokhondo, yo o dingwaga di masome a ferang bobedi le bosupa, a re ga gona kwa a ka yang teng ka gore go setse go le dingwaga a nna mo masimong a ebile o godiseditse le bana ba gagwe teng.
“Re tswa kgakala re lema mo masimong a mme re ne re tsaya dipeo ka lenaneo la temo la ISPAAD kwa Mmadinare.”
Le fa go ntse jalo, Mme Gabautwane Malela, yo le ene a goletseng kwa masimong ao, a re go botlhoko gore puso ga e sa tlhole e ba thusa ka dipeo ka mabaka a go tlhoka ditlankana tse di supang fa masimo e le a bone.
A re ba tshela ka go ithekela dipeo fa nako ya temo e goroga, a tlatsa ka gore seemo se ga se kake sa ba emisa go lema.
A re le metsi ga a yo, ka jalo ba a kopa kwa Botshabelo mo masikeng le ditsala, mme a kopa puso go ba thusa ka metsi.
Mme Malela, yo o dingwaga tse di masome matlhano le botlhano ene a re o tsene sekolo se se potlana kwa Selebi Phikwe a nna le batsadi ba gagwe kwa masimong a Ralenyeletse.
Monni yo mongwe, Mme Maretha Mothoiwana, a re fa e le gore puso e ikaelela go ba ntsha, segolo ba ba batlele kwa ba ka nnang teng.
A re ba ka tsena mo ditshenyegelong tse dintsi ka gore lefelo leo ke lone le ba lemang ebile ba ruetse mo go lone ka jalo ga se mo ba ka sutang motlhofo fela.
Maiteko a go tshwaragana le lekgotla la kabo ditsha la Mmadinare go tlhomamisa kgang e, a ne a seka a atlega. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : Selebi Phikwe
Event : Potsolotso
Date : 12 Jul 2020