OLDM e abetse ofisi ditilo
09 Jul 2020
Ba Meepo ya Orapa, Letlhakane le Damtsha ba abetse ofisi ya thuto ya kgaolo- potlana ya Boteti ditilo di le makgolo mabedi le masome a supa le bobedi tse di dirisitsweng.
Fa a rola ditilo tseo ka Laboraro mo Letlhakane, modiri wa lekalana la Corporate Affairs, Mme One Lentswe o boletse fa ba ne ba tsibogela selelo sa puso mabapi le di-tla morago tsa COVID-19.
Mme Lentswe o tlhalositse fa ba abile ditilo tseo morago ga gore ofisi ya mopalamente e tlhabe mokgosi mabapi le tlhaelo kwa dikoleng.
A re ditilo tse le fa di dirisitswe ba ne ba di ntshafatsa.
Mme Lentswe a re ofisi ya mopalamente e ne ya kopa ditilo tse dika thusang go hema mosuke mo dikoleng tse dipotlana tsa Boteti.
A re ba ne ba tsiboga ka jaana ba lemoga di le botlhokwa mo go fokotseng bodiphatsha jwa COVID-19 ka go katoganya bana.
Fa a bua kwa go roleng dimpho tseo, mogolwane wa ofisi ya mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Golebilwemang Golebilwemang a re ba ne ba lemoga fa go ntse go na le tlhaelo ya ditilo mo dikolong le pele ga go tlhagoga ga COVID-19.
Rre Golebilwemang a re ba ne ba gwetlhega gore ba kope dithuso ka jaana ba ne ba lebile gore COVID-19 e tlhoka didirisiwa tse dintsi. O ne a leboga ba OLDM go bo ba tsibogetse selelo sa bone ka nako e e thata ya segajaja.
Fa a amogela dimpho, mogolwane wa Lephata la Thuto wa Boteti, Rre Centy Sebopelo o ne a lebogela seabe sa ba OLDM mo go rotloetseng thuto.
Rre Sebopelo a re ditilo tse di ya go dira pharologanyo e ntsi.
O ne kopa gape gore fa ba na le ditafole ba thuse ka tsone, a re ba tlaa nna ba ntse ba lelela kwa go bone ka ba na le letlhoko le lentsi.
Rre Sebopelo o ne a gwetlha dikompone tse dingwe gore di tsee malebela di rotloetse thuto. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Letlhakane
Event : Kabo dimpho
Date : 09 Jul 2020