Breaking News

Bogogi bo lebogela kabo ya dijo

09 Jul 2020

Makhanselara a kgaolo-potlana ya Letlhakeng a akgotse ofisi ya ga molaodi go tsibogela go abela batho dijo ka nako ya kiletso metsamao le fa ba re dijo tseo di ne di sa lekana. 

Ba buile jalo mo phuthegong ya khansele-potlana ya Letlhakeng ba supa fa batho bangwe ba ne ba tlogelwa kwa marago ka ba ne ba sa sekasekwa.

Mokhanselara wa Khudumelapye/Sesung Rre Osupile Metseebapile o tlhalositse fa bontsi jwa batho ba ba nnang kwa masimo ba ne ba sa sekasekwa e bile a supa fa go na le tlhaelo ya metsi e ntsi kwa Khudumelapye. 

Mokhanselara wa Takatokwane/ Dutlwe Rre Johane Gaosafelwe o ne a leboga badirelapuso ba ba neng ba theogetse ka nako ya tswalelo mesepele, a supa fa ba ne ba beile matshelo a bone mo diphatseng go sireletsa tshaba ya Botswana. 

Rre Gaosafelwe o ne a leboga ba koporase ya metsi go tsibogela go bula dipompo tse di neng di tswetse ka nako eo, le mapodisi a a neng a netefatsa gore ba sala morago dikoloi tsa megobagoba tse di neng di rwala dithoto. 

Mokhanselarea wa Salajwe Rre Lopang Sebutlenyane o ne a tlhalosa gore le ntswa bolwetse jwa corona bo le maswe, bo ne jwa ba direla tshiamelo ka jaana matlwana a boitiketso a dikole a baakantswe. 

E rile a ba kgwa kgaba, mokwaledi wa khansele-potlana ya Letlhakeng Rre Joseph Segopa o ne a tlhalosa fa batho bangwe kwa masimo le meraka ba ne ba sa sekasekwa, ka jalo ba seka ba thusiwa ka dijo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 09 Jul 2020