Mmakaseterata o tsholola kgang
08 Jul 2020
Mmakaseterata wa Maun, Mme Keneilwe Kgoadi o tsholotse ntlha nngwe mo molatong wa bogodu jwa leruo o o lebisitsweng banna ba le bararo.
Se se tla morago ga gore moikuedi e bong Rre Kebonyetsala Keoagile a tlhalosetse lekgotla fa a batla go tsholola kgang fa babelaelwa ba iponaditse fa pele ga lekgotla la Maun ka Labobedi.
Banna bao e bong Abednico Kegometswe wa dingwaga tse 33, Goitseone Nkamogelang wa dingwaga tse 38 le Motshidisi Ditlou wa dingwaga tse 30 ba lebisitswe molato wa go bolaya kgomo kwa morakeng wa Xobe gaufi le Maun ba sena teseletso.
Rre Keoagile o ne a supa fa a tseregantswe ke batsadi le mongwe wa babelaelwa e bong Motshidisi Ditlou yo e leng ntsalae, ka jalo a re o tsere tshwetso ya go tsholola kgang eo.
Ka jalo, Mmakaseterata Kgoadi o ne a rebola gore ntlha ya ntlha ya molato o o lebisitsweng babelaelwa wa go bolaya kgomo ba sena teseletso o tsholotswe.
Le fa go ntse jalo, babelaelwa ba ne ba itsesiwe fa tsheko ya molato wa go fitlhelwa ka dirwe tsa kgomo yone e tlaa tswelela Phalane a tlhola gane.
Rre Paul Basupi wa bosekisi go tswa sepodising sa Botswana o ne a tlhalosa fa babelaelwa ba lebisitswe molato wa go bolaya kgomo ya ga Kebonyetsala Keoagile ba sena tetla ka Phalane ngogola le wa go fitlhelwa ka dirwe tsa kgomo.
E ne e rile go le pele babelaelwa ba supa fa ba sa ipone molato mo dintlheng tsotlhe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Maun
Event : Lekgotla
Date : 08 Jul 2020