Monna o tlodile ka bokukuntshwane
07 Jul 2020
Mogolwane wa mapodisi kwa Werda, Superitendant Mompoloki Ramatsia a re ba tlhotlhomisa kgang e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome mararo le bongwe a tlodileng molelwane e se ka fa maolaong go tsena mo Botswana go tswa Afrika Borwa.
Rre Ramatsia o boleletse BOPA ka Mosupologo gore monna yoo o tshwerwe beke e e fetileng a kailakaila kwa Makopong a bua puo e go belaesegang e le seZulu kana seXosa mme a sena bukana ya mesepele.
A re monna yoo o mo diatleng tsa mapodisi ka go sena motswakwa yo o tsenngwang mo kwarantining, a tlhalosa fa a tlhatlhobetswe mogare wa corona mme ga fitlhelwa o seyo.
Rre yoo, yo a lebegang a sa itekanela mo tlhaloganyong, o tshegeditswe ke mapodisi malatsi a le 14 ka taolo ya ba lephata la taolo mesepele, mme e tlaa re go tswa foo, a fudusediwe Lobatse kwa go ba taolo mesepele go ya go batlisiwa ba ga bone. Rre Ramatsia a re kwa Lobatse ke gone kwa go tlaa rulaganngwang le Afrika Borwa kwa go belaesegang a tlholega teng.
A re go lebega monna yoo a timetse mme o tlaa busediwa ga gabo a patilwe ke maduo a gagwe a corona. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : WERDA
Event : Potsolotso
Date : 07 Jul 2020