Losea le fitlhetswe le tlhokafetse
07 Jul 2020
Mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone losea lwa dikgwedi tse di lesome le bosupa lo fitlhetsweng lo tlhokafetse ka fa go sa tlwaelesegang ka teng kwa Mabeleapudi, Phukwi a tlhola malatsi a le mararo bosigo gare.
Mo potsolotsong le mogolwane wa mapodisi a Serowe, Superintendent Poloko Oteng o boletse fa go na le dipelaelo tse di dirang gore mapodisi a tlhodumele tiragalo e ka gore o ne a robetse le mmaagwe.
O boletse fa e rile bosigo gare jwa tiraglo eo ba begelwa ke nkukuagwe ngwana wa dingwaga tse di masome mane le borataro gore e rile bosigo jwa letsatsi leo mmangwana wa dingwaga tse di masome mabedi le bone a ya go kokotela mmaagwe a mo begela fa a sa itse gore ngwana o rileng a lebega a sa heme.
A re nkukuagwe ngwana le mmangwana ba ne ba ragosetsa ngwana kwa kokelwaneng ya motse kwa a fetileng a fitisediwa kwa kokelong ya Sekgoma kwa Serowe kwa dingaka di rurifaditseng fa a selemo e le ngogola, ngwana a tlhokafetse.
Go boletswe fa setopo se le kwa kokelong go tlhatlhojwa go bona se se bakileng leso le mororo ba lelwapa ba kaile a ne a sa lwale a nonofile fela sentle.
A re fa go ka fitlhelwa mmangwana a na le seabe mo go tlhokafaleng ga ngwana o tlaa lebisiwa molato wa polao.
O boletse fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse mme ba solofetse gore ba bongaka ba ntshe maduo ka Labone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MABELEAPUDI
Event : Potsolotso
Date : 07 Jul 2020



