Bana ba 74 ba otlolola letsogo
06 Jul 2020
Banana ba ba tshotsweng ka 1974 ba Seleka ba abetse dikole, kokelwana le kgotla melora e e tlhapang diatla, dikupu di le masome mabedi le bone tse di lopileng P7 350 e le gone jaaka ba araba boikuelo jwa ga Tautona jwa gore mongwe le mongwe a tsenye letsogo go lwantsha mogare wa corona.
Melora eo e ne ya neelwe sekole se segolwane sa Sesholo, dikupu di le tlhano, se se botlana sa Tumasera di le tlhano, sa Seleka di le tlhano, kokelwana di le tlhano fa kgotla e ne ya bona sekupu se le sengwe.
Fa a bua mo boemong jwa banana bao, Rre Rasebolai Moroka o ne a re ba ne ba tswa ka megopolo e le mokawana go fitlhelela ba tsaya wa go rekela dikole melora.
A re goora motho go thebe phatshwa, ka jalo e le ma 74, mo metsing ya Seleka le Tumasera ba ne ba ntsha mo ba ka go kgonang go thusa.Rre Moroka a re ka nako ya bone ya bonyana go ne ga wa bolwetse jwa matlho jo bangwe ba neng ba seka ba kgona go tswelelela le dithuto ka bo ne bo le mashetla thata, mme a re seo se ne sa ba ruta sengwe, ke gone ka moo ba neng ba tsibogela kgang ya Covid-19 gore ba seka ba bona se ba neng ba se bona ka dinako tsa bone.
Fa a amogela dimpho tseo mo boemong jwa khansele-potlana ya Mahalapye, Modulasetilo David Merementsi o ne a re e kgolo a lebile ka fa e ntshiwang ka lerato ka teng ke banana bao, a supa fa motse wa Seleka o segofaditswe ka makau le makgarebe a a nang le boikarabelo go gopola marope, ka go sa boelweng e le maleng.
Rre Merementsi a re morafe wa Seleka o lesego ka o dumela mo go itlhabololeleng motse go na le go baya fela mo pusong. A re gone moo go supa maikaelelo le maikemisetso a a tsepameng.
Mo boemong jwa balekane ba gagwe, Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tumasera Mme Oitsupile Kolenyane o ne a re bana ke bone letswai la lefatshe, mme ba solofela gore ka dinako tsotlhe ba loke motse wa bone gore o seka wa latlhegelwe ke tatso ka gone go dira jaaka ba ithupile jaana.
A re leungo la mowa ke lerato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelontle, molemo le boikanyego, segolo jang mo go ba ba tshwanang le bone ba ba itlamileng go direla morafe ka botswapelo.Fa a bua mo boemong jwa batsadi, Kgosi Andrew Lebudi o ne a re molaetsa mogolo wa bolwetse jwa Covid-19 o fitlhile sentle mo metseng ya bone e bile ba o tshegeditswe ka tlhoafalo, mme a akgola bana bao a re go nna seopo sengwe ke gone go ba kgontshitseng go tla ka dithuso.
Rre Lebud a re barutabana ba leka ka tsotlhe le ntswa ba kgojwa marapo ke tlhaelo ya boroko.
A re seo se ka ba paledisa go ntsha maduo, mme a dira boikuelo kwa go modulasetilo wa khansele gore seemo seo se lebelelwe.
Kgosi Kobe Seleka ene o ne a re tlhako ya pele fa e gatileng teng le ya morago e gata teng. A re bone e le banni ba Seleka ba tswa kgakala le boipelego, ke sone se ba kgonneng go tlhabolola motse.
Mokhanselara Obitseng Gabadise o ne a akgola banana bao, mme a ba kopa go ikabela bana ba dikole gore ba thuse mo go tse bana ba di tlhaelang jaaka ba sa lekane e se meno. A re bangwe batsadi ba na le letlhoko.O ne gape a re ba ba nang le bokgoni ba ka itlhaopeleng dikole tsa bone go di tlhokomela, a re mo nakong eno ga go na ope yo o di thusang.
O bile a ba galaletsa ka tiro eo a re jaanong ba kgotlhile semane, ba solofetsa go le gontsi mo go bo mogolwaabone le bomonnaabone go emela metse ya bone ka dinao. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Seleka
Event : Kabo dimpho
Date : 06 Jul 2020