Breaking News

Baithuti ba abela bana ba Dilolwe paka

05 Jul 2020

 Baithaopi ba sepodisi ba kgaolo ya Dilolwe kwa Ga-Sebako kwa Kanye ba abetse bana ba sekole se sebotlana sa Sebako ba le lesome paka ya sekole ka Labone.

Diaparo tse, di ne di akaretsa marokgwe, dihempe, ditlhako le dikausu.

Kgosana wa kgaolo, Rre Sebati Dikgageng o kaile fa e se la ntlha baithaopi bao ba thusa ba ba tlhokileng lesego.

A re ba kile ba gokelela mongwe pompo ya metsi, selo se a reng ba se dira ka kemonokeng ya gagwe.

Kgosi Dikgageng a re e a re ba ikgapetse madi mo dikgaisanyong tsa ditlhopha tsa sepodisi a ba rotloetse go thusa mongwe yo o tlhokileng lesego mo botshelong. Mokhanselara wa Dilolwe, Rre Morapedi Kgosithebe o akgotse tiro eo.

Rre Kgosithebe a re metlha ga e sa tlhole e le ya maloba, ka jalo paka ya sekole e e abilweng, e tlhoka go tladiwa ka d mask. 

O kopile bana go tlhokomela mpho e ba e abetsweng, ba bo ba tlhoafalele go ithuta. 

A re ga se molato gore batsadi ba bo ba sa kgone go ba rekela paka ya sekole.

Mokhanselara Kgosithebe a re fa ba ka tlhoafalela thuto, ba ka fetola seemo sa malwapa a ba tswang mo go one, le go tshidisa batsadi ba bone botoka.

O kopile bana go tlotla batsadi le barutabana, a tlhalosa fa motsadi e se yo o kwa lwapeng fela, mongwe le mongwe yo motona mo go bone ke motsadi.

Mokhanselara o ikuetse mo mogolwaneng wa mapodisi a Kanye go sekaseka bana ba sekole sa Sebako a re ba ka nna ba se ithaopela ka go sena yo o se ithaopetseng mo nakong eno.

Mogokgo Cinnie Bogopa o lebogile baithaopi bao ba setlhopha sa boraro a bo a ba eleletsa tsotlhe tse di molemo.

A re botsalano jwa sekole le ba sepodisi bo tlaa nonofa.

O kopile ba sepodisi le baithaopi go tsena diphuthego tsa sekole, go rotloetsa batsadi go tsibogela thuto ya bana. 

A re batsadi ba itlhokomolosa bana mme go dira jalo ke molato o motho a ka tseelwang dikgato.

Go tlhalositswe fa barutabana ba thusa ka go rekela bana paka le tse dingwe ka se ise se bone yo o se ithaopelang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : Kanye

Event : Kabo dimpho

Date : 05 Jul 2020