Dikoloti o rotloetsa temo-thuo
05 Jul 2020
Tona wa Tlhabololo Temo-thuo le Tlhomamiso Dijo, Dr Edwin Dikoloti o rotloeditse balemi-barui ba Dikgame-Tse-Ntle Agricultural Management Association go dirisa masimo a bone.
Fa a bua kwa ditshupegetsong tsa go tlhabolola masimo ka go ntsha ditlhare (sekgwa), Dr Dikoloti o supile fa bolwetse ja COVID-19 bo bontshitse fa Batswana ba sena dikhumo tsa boswa, (generational wealth).
A re go a itumedisa go bona dikeletso tsa puso tsa go bona Batswana ba dirisa lefatshe go dira dijo di diragala.
A re keletso le tumalano ya lephata la gagwe ke go senkela setlhopha sa Dikgame-Tse-Ntle mmaraka, tsholofelo e le gore ba dirise lefatshe la bone ngwaga o otlhe, e seka ya nna tiro ya dipaka.
“Re eletsa go godisa re be re oketsa temo ya nosetso, mme e seka ya nna puo ya molomo fela, re nneng le tumalano re itlame re le balemi-barui,” tona a kgothatsa.
A re dipalo di supa fa Botswana a ntsha temo ya 500kg ka ekere (ha) boemong jwa go ntsha 2 tonnes ka hekere, a tlatsa ka gore madi a puso e a ntshang a tlama gore nkabo re goroga ko go 2 tonnes ka ekere.
Dr Dikoloti o ne a kopa Batswana gore ba seka ba rekisa masimo, a bolela fa go le botlhokwa gore ditlamelo tse dingwe, jaaka motlakase le ditsela tsa sekontere, di dirwe, mme go ka itumedisa fa balemi-barui ba ka ema ka dinao go thusa puso mokgoleo o.
A re keletso ya lephata la gagwe go yeng pele ke go nna le balemisi ba ba itebagantseng le ditlhopha tsa balemi-barui, gore tiro e kgone go dirwa ka manontlhotlho.
A re o ne a ile China ngogola, mme o bone maranyane a a kgatlhisang a go lema rice le dijalo tse dingwe go sa diriswe metsi a mantsi, jaanong o eletsa go a tsisa mono gae.
Fa a tswa la gagwe, Rre Kwenantle Gaseitsiwe, yo e leng mogakolodi wa lenaneo la ISPAAD, a re keletso ya puso ke go bona lenaneo leo, le le nang le dingwaga di le lesome le thusa Batswana, le nna le dipoelo tse di nametsang.
Rre Gaseitsiwe a re go lemosegile fa masimo a Batswana a a ageletsweng ka lenaneo la diterata la ISPAAD, e le dikgwa mo teng, a tlatsa ka go re, “Mo masimong a le lekgolo a a ageletsweng ka lenaneo le la ditlhopha, a le lesome fela ke one a dirisediwang go lema”.
A re go tlhophilwe ditlhopha tsa diterata tse tlhano Botswana otlhe, e bong kwa Masunga, Leshibitse, Ko-mokwena, Borolong le Mookane.
Rre Gaseitsiwe a re go lemosegile gape fa go tlhokafala gore masimo a a ageletsweng a segwe sesha ka mo bogompienong a sa nyalane sentle, ka mangwe a lebile ntlheng e sele.
“Mo Dikgame-Tse-Ntle re batla gore mo dikgweding tse pedi re bo re feditse go ntsha ditlhare, masimo a bo a ka dirisiwa,” ga rialo Rre Gaseitsiwe.
A re ba tshotlha setlhare ka didirisiwa ba bo ba se busetsa mo mmung go busetsa menontshane.
Kgosi Mooketsi Kgotlele a re masimo a Dikgame-Tse-Ntle otlhe a dira diekere tse 534, mme botlhe ka palo ba 44.
A re setlhopha se ne sa bopiwa ka 2011, fa ka 2016 ba ne ba epelwa sediba ke puso, a tlatsa ka go re ‘puso e re file terata, re na le sediba, jaanong go mo go rona balemi-barui go dirisa masimo a’.
Kgosi Kgotlele o ne a wetsa ka go kopa le go kgothatsa banana go tsena mo temo-thuong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Omphile Ntakhwana
Location : Leshibitse
Event : Ditshupo
Date : 05 Jul 2020