Breaking News

BSB e abela baithuti matsela dithiba molomo le nko

05 Jul 2020

Mme Kabelo Magosi wa Botswana Savings Bank (BSB) a re ka go lemoga borai jwa bolwetse jwa COVID-19 ba bone go tshwanela go thusa baithuti ka di mask. 

Mogolwane yo, o buile jaana  bosheng kwa Mabeleapodi jaaka a ne a abela sekole se sebotlana sa Mabeleapodi di mask di le 125.

A re bogogi jwa BSB bo ne jwa tsaya tshwetso ya go dira mokgatlho o o tlaa itebaganyang le go thusa mo nakong ya segajaja.

A re BSB ba tlhaloganya fa di mask di le botlhokwa ka e le nngwe ya tse di beilweng go thibela kanamo ya mogare wa corona ntleng le go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa kana go itshasa di sanitizer.

Mme Magosi a re ntswa mongwe le mongwe a tlamega go dirisa di mask, go na le bangwe ba ba ketefalelwang ke go di reka lebaka e le letlhoko la madi.

A re mo go tsibogeleng se, ba BSB ba ne ba thulanya ditlhogo go bona gore ba ka thusa jang mme ba dumalana gore BSB e tlaa tlhopha dikole dingwe kwa diofisi tsa yone di leng teng go thusa.

A re ba thusa dikole ka lenaneo la boithaopo la badiri ba BSB la I Care le le ka fa tlase ga lenaneo la thulaganyo ya BSB e e ntseng e le teng ya go thusa ba ba tlhokileng  lesego. 

A re BSB e tlaa abela dikole tse di tlhophilweng di mask di le 1 500  lefatshe ka bophara.

Fa a lebogela dimpho tseo, mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mabeleapodi, Rre Alfred Ngwanabotho a re didirisiwa tseo di tsile ka nako e e lebanyeng e puso e lebaganeng le mathata a segajaja sa COVID-19 mme e tlaa thusa baithuti ba mo nakong eno go nang le ba ba sa kgoneng go reka dilamelo tseo.

A re go tlhoka di mask ga baithuti bangwe go kgona go ba kgoreletsa mo dithutong ka bangwe ba tla ba ithibile ka matsela a farologanyeng, selo se se ntseng se tshwenya bogogi jwa sekole ka go belaela di sa ba sireletsa sentle.

O ne a supa fa ba tlaa neela baithuti ba ba nang le letlhoko gore le bone ba tle dithutong ba phuthologile ka ba tlaa bo ba tshwana le ba bangwe. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Mabeleapodi

Event : Kabo dimpho

Date : 05 Jul 2020