Breaking News

World Group of Companies aba paka

05 Jul 2020

World Group of Companies ba abetse dikole tsa Serorome le Boipuso kwa Palapye paka ya sekole morago ga kopo e e neng ya dirwa ke Rre Moiseraele Goya fa a sale mopalamente.

Rre Goya o ne a kile a kopela dikole tse dipotlana tse di ferang bobedi tsa Palapye paka ya sekole.

Serorome, kwa Rre Goya a tseneng teng, o kaiwa fa a simolotswe ka 1972, mme mo nakong eno se na le bana ba le 964 e bile e le sone se segolwane ka dipalo mo dikoleng tsotlhe tsa Palapye, se latelwa ke Boipuso ka baithuti ba le 914.

Bana botlhe ba ne ba fiwa di vest, bommankanteng ba le babedi mongwe le mongwe, jesi, mmese le ditlhako fa barutabana ba ne ba fiwa kobo mongwe le mongwe le mophuthelwana wa dilekere tse le bana ba neng ba di fiwa.

Rre Goya o tlhalositse fa a busa thomo le ditsholofetso tsa gagwe tse a neng a di dumelana le dikole ka nako ya fa a le mopalamente.

A re ngwana ke teemane mme o tlhoka bokamoso jo bo lolameng go tsoga a tsholetsa serodumo sa lefatshe.

Ka e le ngwana wa Palapye, a re ga go thona go baya motse oo kwa pele le mo pelong ya gagwe, a tlhalosa gape gore nako ya a le mothusa tona wa thuto e potlana, o ne a lekola dikole, ka jalo tlhaloganya mathata a thuto.

Tautona wa pele Rre Festus Mogae mo boemong jwa World Group of Companies o tlhaloseditse bana le barutabana fa thuto e le boswa jo ba ka sekeng ba bo amogwa ke ope.

O supile fa a itumelela go bona kgaolo e a kileng a nna mopalamente wa yone, a bo a nna mothusa tautona le tautona a le mo go yone, e gopolwa ka tse dintle jaaka kgodiso ya ngwana.

Mogokgo wa Serorome, Mme Kgomotso Kgosiepelo a re mathata a ba nang nao ga a ba kgobe marapo go ntsha maduo, go diragatsa maikaelelo a thuto le go jesa bana sentle dilo tse e leng tsone konokono mo thutong.

O kaile fa tlhaelo ya boroko jwa barutabana e le selelo se segolo mo bangwe ba theogelang ba tswa Serowe le mafelo a mangwe.

Mogokgo wa Boipuso, Rre Jacob Tshipo o supile fa ba arabile selelo sa ga Tautona go ntshetsa komiti ya COVID-19 madi ka tirisano mmogo le therisano ya barutabana.

Dikole ka bobedi di ne tsa galaleletsa mopalamente wa pele go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Palapye

Event : Kabo dimpho

Date : 05 Jul 2020