Breaking News

Go tlola molelwane go baya baithuti ka fa mosing

02 Jul 2020

Mogolwane wa thuto kwa kgaolong ya Kgalagadi,  Mme Maipelo Kesenye, a re ga ba robadiwe ke baithuti ba ba santseng ba tlola molelwane kwa go sa tshwanelang teng.

Bontsi bo a bo bo tswa Aferika Borwa, mme mo nakong e, ba siilwe ke dithuto ka jaana ba ne ba tshwanelwa ke go tsenngwa mo kwarantining.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Kesenye a re sebaka se se ntsi sa dithuto se ne sa tsamaya ka nako ya fa go emisitswe mesepele ka ntata ya segajaja sa COVID-19.

A re batsadi ba ba tlodisang bana melelwane ka bokukuntshwane, ba baya bana ba bone ka fa mosing.

Mme Kesenye a re bana ba le masome a mabedi le bone ba mo kwarantining morago ga go amana le batho ba ba tswang kwa Aferika Borwa.

Mogolwane wa thuto a re dipalo di supa fa bana ba ba mo serubing ba le lesome le bone. Ba, ke ba ba tlodileng molelwane e se ka fa molaong

A re ba le lesome ba laetswe gore ba itlhaole morago ga go amana le bangwe ba ba neng ba tlodile molelwane go se ka fa molaong.

Mme Kesenye a re ka jaana kwarantini e sa tsenwe, baithuti ga ba neelwa sepe sa dithuto.  

A re lephata le tlaa dira gotlhe go bona gore bana bao ba a thusiwa fa ba tswa koo gore ba seka ba latlhegelwa ke dithuto.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa mapodisi a Werda, Superitendant Mompoloki Ramatsia, a re bangwe ba bana  bao, ba tlodile terata ya molelwane kwa Draaihoek, Makopong le Werda ka dinako tse di farologanyeng fa dikolo di bulwa.  

Seo se lemogilwe morago ga gore ba tle kwa sekoleng malatsi nyana morago ga gore dikolo di bulwe.

A re bana bao ba lemogilwe morago ga gore barutabana ba ba botsolotse mme bangwe ba tlhalosa fa ba ne ba latetse batsadi ba bone ba ba berekang kwa dipolaseng tsa Aferika Borwa.

Supt Ramatsia a re barutabana ba ba roletse bana bao mme morago mapodisi ba ba tsaya ba ba isa kwa go ba batsogo ba ba fetileng ba ba tsenya mo kwarantining kwa Tsabong.

A re ngwana yo monnye ke wa dingwaga tse thataro fa yo motona a le dingwaga tse di lesome le bone.

A re bangwe ba batsadi ba bana bao ba na le bone kwa kwarantining fa ba bangwe go tlhokilwe go bona batsadi ba bone ka ba ba tlodisitse fela mme bone ba bo ba sala kwa Aferika Borwa.

Supt Ramatsia  o tlhalositse gore bana ba bangwe ba padile padi-padi go tswa ka nnete ya gore ba ne ba le kae lentswa bosupi bo papametse gore ba tlodile terata ya molelwane.

A re seo se a tshwenya ka gore go supega gore bana bao ba bofitlha mme seo se le botlhabetsi mo botsogong jwa lefatshe.

A re borai jwa go gana go bua nnete ga bana bangwe go ka tsenya botsogo mo diphatseng ka jalo go le botlhokwa go bua nnete gore matshelo a batho a bolokiwe.

Supt Ramatsia o gakolotse batsadi gore ba seka ba fitlha gore ngwana ope fela o kile a tlolela ka kwa Aferika Borwa  go se ka fa molaong.

O gakolotse gore go tlhoka go obamela melao ya COVID-19 go ka tsenya lefatshe mo mathateng, ka jalo go botlhokwa gore ka nako tsotlhe melao eo e salwe morago. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : WERDA

Event : POTSOLOTSO

Date : 02 Jul 2020