Breaking News

Moepi o itshetsa ka matlalo

02 Jul 2020

Molemi morui, Rre Mmoloki Moepi, wa dingwaga tse di masome a supa le bongwe kwa Serowe o itiretse leina ka tiriso ya letlalo la kgomo.

A re o suga matlalo a dikgomo go dira dikgole ka mefuta ya tsone.

Rre Moepi go tswa goo-lowe dikgole tsa letlalo la kgomo di didirisiwa go bofa, mme e bile di thata go gaisa megala.

A re dikgole tse, di botlhokwa fa go lengwa le mo dikolotsaneng tsa ditonki.

A re dkgole di kile tsa bo di dira diteropo tse di golegang dikgomo le go katisa dipitse le dikgomo tse di tsetseng.

A re tiriso ya dikgole e bonolo thata ebile di itse go babalela letlalo la leruo ka di sa di gobatse.
Rre Moepi, yo e bileng e le kgosana ya kgotlana ya Masololo, a re o amule thuto ya go suga matlalo mo go borraagwemogolo.

A re jaanong go nyelela ka monokela, ka bontso bo latlha matlalo a dikgomo.

O boletse fa a itshetsa thata ka one ka gore kgole ya boleele jwa dikgato tse tharo o e rekisa P70 fa go suga letlalo a bo a dira dikgole e le P300.

Rre Moepi o boletse fa go dira dikgole go le bonolo e bile banana ba ba tlhokang ditiro ba kabo ba tsaya matlalo a a latlhiwang mo dintshong le manyalo ba dira kgwebo go itshetsa.

O boletse fa go dira dikgole go mo tsaya beke fela.

Go suga dikgole o boletse fa go tlhoka mahura a kgomo kgotsa a sekgoa a Holsum gore di nne boleta.

Di bofelelwa mo setlhareng mme mosugi a bo a tlhola a dikologa ka setlhare a di sokeletsa, a di bofeletse sengwe sese bokete gore di tlhamalale. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : POTSOLOTSO

Date : 02 Jul 2020