Tautona wa ntlha e ne ele mogaka
01 Jul 2020
Merafe ka go farologana e na le sengwe se ba tumileng kana se ba itseweng ka sone, mme fela jalo ngwao ya Batswana e melediwa mathe ke bontsi, selo se se neng sa tlhotlhelediwa thata ke Tautona wa ntlha Sir Seretse Khama yo o neng a rotloetsa Batswana go ipelafatsa ka segabone.
Le fa a sa thole a le botshelo, mafoko a gagwe a gore tshaba e e senang ngwao ke mokang e sule, a santse a tshela e bile a gakologelwa ka one.
Go ne go tshegetsa ngwao mo, ke gone mo go ngokang bajanala mo bogompienong go tla mo lefatsheng go ithuta ka botshelo jwa Batswana.
Se se ne sa supafala mo potsolotsong le batsogapele ba ba mo itsing bobe kwa kgotleng ya Makolojwana kwa Serowe ba ba boletseng fa tautona wa ntlha a ne a le motlotlo ka bone golo a go robetseng,ka a ne tlhokometse ditso, a le lerato la o ka swa nka go ja.
Bagolo ba boletse fa Sir Seretse Khama e ne e le mogaka, sekgantshwane sa go itse puo, ngwao le ditiro tse di nang le bokao ka go goga le go betlela lefatshe leno tsela mo dikgannyeng tsa sepolitiki le tlhabololo ya botshelo jwa Motswana.
Rre Kebonyeng Ketshabetswe yo o ngwaga tse 80 a re ga gona pelaelo gore tsela ya tsamaiso lefatshe ya nako eno e betlilwe ka ponelopele le boitsaanape jwa boetelediepele jwa motia ja ntlha.
Rre Ketshabetswe wa mophato wa Leholosa, yo rraagwe e neng ele mongwe wa bathusi ba gagwe ka na lelata, a re Sir Seretse Khama e ne e le moeteledipele wa popota e bile a dirile ka natla go bopaganya setshaba.
“O dirile ka thata go tlhabolola ditso le ngwao, a ruta merafe e e farologanyeng ya Botswana go tlotlomatsa ngwao le puso ya batho ka batho.
Rre Ketshabetse a re jaaka moeteledipele yo o nang le tebelopele, o ne a ngoka babeeletsi ko mafatsheng a moseja go tla go nkga-nkga ba bo ba epa ditswammung tse di neng tsa tlhamela Batswana mebereko.
O ne a simolotse ka moepo wa diteemane wa Orapa mme go tswa foo ga bulwa wa BCL kwa Selebi-Phikwe, ntswa bangwato ba ne ba le bete se molangwana ka BCL ba sa batle lefatshe la bone le dirwa matshwagotshwago ka go epiwa.
A re ditlhabololo di ne tsa tla ka monokela le mororo lefatshe le ne le humanegile thata, a supa fa bogologolo go ne go sena ditsela tse di tshetsweng sekontere, go tsaya nako ya malatsi a mararo go tswa Serowe go ya Ghanzi.
Rre Senamo Josephs, wa mophato wa Matsosa, o kaile Seretse a ne a tetse kagiso. A re nako ya fa Tautona wa Zimbabwe wa nako eo, Ian Smith a ne a tshwenya thata a tlhasela Botswana, o ne a kgalema a gatelela botlhokwa jwa dipuisano.
A re o ne a se mahife, a a ja se se jewang ke batho ba a nnang le bone. A re fa go jewa Kgwathe/Gopane, le ene o tlhakana le batho a a ja, fa go jewa phane le e ne o e tsenya mo pateng o tsamaya a e gautsa mo loetong.
Rre Josephs yoo tshotsweng ka 1940 o boletse fa ba ntse thata mmogo kwa Sefhare le kwa Borotsi kwa a neng a lema teng thata.
Sir Seretse Khama o belegwe mo lelwapeng la bogosi jwa Mmangwato ka kgwedi ya Phukwi e rogwa ka ngwaga wa 1921, a tlhokafala ka ngwaga wa 1980 e le Tautona wa ntlha wa Botswana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : POTSOLOTSO
Date : 01 Jul 2020



