Breaking News

Mathiba o gopola morwa Seretse

01 Jul 2020

Dingwaga e setse e le tse di masome mane morago ga go tlhokafala ga ga tautona wa ntlha wa lefatshe leno, Sir Seretse Khama mme go lebega a santse a agile mo dipelong tsa Bontsi jwa Batswana ebile go le thata go ka mo lebala.

“Lorato, botho le kutlwelobotlhoko ke tse re tlaa tswelelang re gopola Tautona Sir Seretse Khama ka tsone. O ne a agile mo dipelong tsa rona a re rata le rona re mo rata,” go bua Rre Okanokile Mathiba a gopola ka fa a godileng ka teng le mogaka wa pele wa Botswana.

Rre Mathiba, yo o tsetsweng kwa motseng mogolo wa Bangwato wa Serowe ka ngwaga wa 1922, o nnile le sebaka sa go nna gautshwane le Sir Seretse Khama yo a neng gape a le kgosikgolo ya morafe wa Bangwato. Ka a ne a tsetswe ngwaga morago ga ga Sir Seretse Khama, ba ne ba gola mmogo ba le mo mophatong o le mongwe wa Malekantwa mme fela a sa lebale gore ke mong wa gagwe a mo fa tlotla ka nako tsotlhe.

Mo potsolotsong Rre Mathiba a re ‘Seretse’ jaaka a ne a tlwaetse go mmitsa, o ne a sale a itshupile gore o tlaa nna moeteledipele yo ditshaba ka bontsi di tlaa mo eletsang, a le lorato, boineelo, a sena maikgogomoso ebile a itse fa motho e le motho ka ba bangwe.

“Ka e ne e le ngwana wa kgosi o ile a nna le sebaka sa go tsena sekolo mme ka nako eo re ne re mo tlhwafalela. Le fa go ntse jalo Seretse o ne a sa lebale morafe wa gagwe, e re fa dikolo di tswetswe a tle gae go tsweledisa tsa mo gae, se se ile sa tswelela fela jalo go fitlhelela e nna tautona,” Rre Mathiba a tlhalosa.

O ne a bua jaaka Seretse a ne a ka seke a nne a sa tle Serowe mme ebile a ka seke a tlhoke go gata kwa kgotleng e tona, a re selo se se ne se tsisa boitumelo jo bogolo mo dipelong tsa Bangwato, le ka fa ba neng ba ema ka dinao ka teng bam o amogela ka megolokwane fa a goroga kwa kgotleng.

“Go ne go tlala thata kwa kgotleng fa a tsile. Re ne re mo tlhokomela a sa wele fa fatshe ka ene e le kgosi ya rona. Le ene o ne a na le lorato mo go rona, a bua ka botswerere ka setho, a sa ipone gore ke Kgosi, ke sone se le bana ba gagwe re ba ratang ka sone bogolo jang Ian.”

Botshelo jwa ga Rre Mathiba le Sir Seretse Khama ga bo a felela fela kwa gae mme ka Motswana a tswa kgakala le temo thuo, bobeding jwa bone bo ne bo tshwaragane gape le mo botshelong jwa Setswana ba lema mmogo kwa Taukome gaufi le metse ya Paje le Mabeleapudi.

E ne e le tshimo e e neng e belega Bangwato ka go farologana, ba a ja ba latlha go sena yo o bolawang ke tlala tshimo ya mong wa bone e le teng.

E ne e re maitseboa fa Seretse a tsile kwa masimo go bo go phuthaganwe go goditswe molelo.
Go ora molelo le kgosi ke selo se se tswang goo-lowe mo morafeng wa Bangwato, selo se tautona wa pele ebile e le ngwana wa ga Seretse, Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama le ene a neng a se tlotlile.

“Go dira jalo go ne go bopaganya morafe ebile go thusa go abelana maele a gore re ka tlhabolola motse wa rona jang,” ga bua jalo Rre Mathiba. Le fa ka nako eo Bangwato ba ne ba eteletswe pele ke motshwarela-bogosi jwa Bangwato wa pele Tshekedi Khama, Seretse o ne a le gaufi le dipelo tsa Bangwato go feta Tshekedi.

Fa Tshekedi a ya go thibelela kwa Pilikwe bontsi jwa Bangwato ba ne ba sala ka ba ne ba rata Seretse fela thata mme Tshekedi a tsamaya le palo e seng ntsi ya morafe go ya go thibelela koo.

Le fa go ntse jalo, Modimo ga a ka a fa Bangwato nako e telele ya go akola lorato le tirisano mmogo le kgosi ya bone ka jaana e ne ya re ka ngwaga wa 1980 a mo itseela go tlogela lefatshe le le ka kwano.

Tiragalo e e ne ya tsisa kutlobotlhoko e kgolo mo Batswaneng bogolo jang Bangwato.

Le fa go ne go le serame Bangwato, merafe ka go farologana le batho go tswa kwa mafatsheng a sele ga ba a ka ba ipona tsapa mme ba ralala mariga go tla go fitlha moeteledipele wa bone.
“Ke ne ke le teng mo phitlhong eo, go ne go le bohutsana mo Serowe go lela ngwana le mogolo, dipelo di  gamuketse ka kutlobotlhoko. Re ne re solofetse gole go ntsi mo ngwaneng yo wa rona.”

Lorato le Bangwato ba neng ba na le lone mo go Seretse le ne la tswelela la jwelelela le mo baneng ba gagwe le Mohumagadi Ruth Khama yo a ileng a tlhokafala morago ka 2002. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : SELEBI PHIKWE

Event : POTSOLOTSO

Date : 01 Jul 2020