Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa dintsho tse pedi

01 Jul 2020

Monna wa dingwaga tse di fa gare ga masome a marataro le boferabobedi le masome a supa kwa Kanye o bolaile mosadi wa gagwe a bo a ikaletsa.

Se se rurifaditswe ke mogolwane wa mapodisi a Sejelo, Superintendent  Mogomotsi Matlapeng, mo potsolotsong ka Labobedi.

A re go belaesega fa monna a bolaile mosadi wa gagwe wa dingwaga tse di magareng ga masome a mane le masome a mane le botlhano ka Tshipi kwa lwapeng la bone.

A re monna yo, o bolaile mosadi ka go mo tlhaba ka sengwe se se bogale mme morago a ikaletsa mo ntlong ya bone kwa kgotleng yoora Selotlego.

Supt Matlapeng a re dikgang tsa mofuta o di a tshwenya le ntswa di rotha kwa kgaolong ya gagwe.  

O ne a kopa Batswana gore fa motho a utlwa maikutlo a gagwe a tsholetsegile a kope thuso.

O ba gakolotse go kopa thuso mo baruting, dikgosi, mapodisi le ba tshidilo maikutlo go ba fa dikgakololo go tila matlhotlhapelo a go bolaya le go ipolaya.

Supt Matlapeng a re gore motho a bolae a bo a ipolaya ga se go baakanya dilo mme ke go okeletsa ba ba salang mathata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Posolotso

Date : 01 Jul 2020