Breaking News

Se fuduseng bagwebi mo nakong e - makhanselara

01 Jul 2020

 Makhanselara a kopile gore bagwebi ba ba botlana ba ba direlang kwa mmolong o motona wa Maun ba seka ba fudusiwa mo nakong e.

Ba buile se mo bokopanong jo bo haphegileng bosheng.

Se se tla morago ga gore mogolwane wa lephata la ofisi ya melawana ya khansele ya Bokone Bophirima, Rre Phemelo Matome, a ba itsise fa lenaneo la go fudusa bagwebi bao le tsweletse.

Rre Matome o ne a supa fa khansele e setse e bone diphatlha di ka nna 193 kwa mapalamelong a dibase go hudusetsa bagwebi bangwe teng.

O ne a supa fa go fudusa bagwebi bao e le tsela ya go dira gore mmolo wa Maun o lebege le gore barekisi bao ba sute mo ditseleng le fa pele ga marekisetso mangwe ka se se sa itumedise beng ba one.

A re dipatlisiso di supile fa go na le bagwebi ba ka tshwara 600 mo mmolong mogolo mme ba tlaa batlelwa diphatlha tse di siameng.

O tlhalositse fa bangwe ba bagwebi ba sena diteseletso, bangwe e le batswakwa mme ba bangwe ba apeela mo mmolong, selo se se sa letlelelweng.

Mo dikakgelong tsa bone, makhanselara mangwe a ne a supa fa ba dumalana le gore bagwebi bao ba fudusiwe mme ba kopa gore go se se seka sa dirwa pele ga khansele e ka baakanya kwa e ba fudusetsang teng.

Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Bareetsi Bogaisang, a re bagwebi bao ba setse ba amilwe ke manokonoko a COVID-19.

Mokhanselara wa Kgosing-Kubung, Rre Tswelelo Sebati, ene o ne a kopa gore bagwebi bao ba fiwe sebaka sa dikgwedi tse tharo, a tlatsa ka gore khansele e ka dirisa sebaka seo go baakanya kwa e ba fudusetsang teng.

Mokhanselara wa Moeti, Mme Botshelobokae Ramasu, le ene o ne a kopa khansele go baakanya kwa e fudusetsang bagwebi teng, ka jaana ba sa tshwanela go tlhoka kwa ba rekisetsang teng.

Mokhanselara wa Makalamabedi, Rre Moetetsi Mogalakwe, a re marekisetso a kgonwa go dirwa gongwe le gongwe kwa ntle ga mmolo ebile bareki ba kgone go latela ditirelo tseo.

Modulasetilo wa khansele potlana, Rre Vepaune Moreti, o ne a gatelela fa maikaelelo a bone e se go koba bagwebi bao mme e le go leka go baakanya selebego sa toropo ya Maun.

O ne a kaya fa go ka nna thata gore khansele e baakanye kwa bagwebi ba fudusediwang teng ka mabaka a letlhoko la madi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 01 Jul 2020