Segajaja sa COVID-19 se kokonetse Tobane le Tshokwe
01 Jul 2020
Kiletso mesepele e e bakilweng ke segajaja sa COVID-19 e amile itsholelo ya malwapa a le mantsi.
Banni bangwe ba Tobane le Tshokwe kwa kgaolong ya Mmadinare ke bangwe ba ba amilweng ke go fokodiwa ga dipalo tsa badiri ba Ipelegeng.
Kgosi Nametshego Motlhasedi wa Tobane a re go tlhagoga ga mogare wa corona go ne ga ama matshelo a morafe ka bontsi bo ne jwa iphitlhela bo sa bereke.
A re ka nako ya Ipelegeng batho ba ne ba sa tlhole ba wela mo isong jaaka pele a tlhalosa fa mongwe le mongwe a ne a kgona go gotsa molelo kwa lwapeng la gagwe.
Kgosi a re lenaneo le ne le thapa batho ba ka feta lekgolo, mme gompieno go thapilwe fela ba le masome a mane go phepafatsa kwa dikolong.
A re temo le yone e ne e le kwa tlase monongwaga ka pula e ne e le boutsana.
Kgosi Motlhasedi a re lenaneo la Ipelegeng le ne le thusa malwapa go rekela bana paka ya sekolo le tse dingwe mme gompieno ke selelo le khuranyo ya meno ka le dijo tse ba neng ba di phakisitswe ke puso ka nako ya kiletso metsamao di sale di fedile.
Kgosi Itumeleng Pelotona wa Tshokwe ene a re Ipelegeng e thapile dipalo tse di kwa tlase fela thata.
A re le fa a tlhaloganya gore bolwetse bo santse bo le teng, seemo sa itshetso se wetse kwa tlase fela thata ka lenaneo le ne le thapa banana le bagolo ka dipalo tse dintsi.
O kopile puso go sekaseka go oketsa dipalo tse ka gore batho ba le bantsi ba wela mo isong.
A re seemo se, se amile gape dimausu le marekisetso a a mo motseng ka a ne a rotloetswa ke banni ba jaanong ba sa direng.
Le fa go ntse jalo Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse, o tlhalositse mo bokopanong jwa komiti ya COVID-19 le bogogi jwa toropo ya Selebi Phikwe bosheng gore lenaneo la Ipelegeng ga le a emisiwa mme le santse le sekwasekwa gore le tsamaelane le botshelo jwa gompieno.
Rre Autlwetse o tlhalositse gore le fa go ntse jalo Ipelegeng e thapa batho go thusa go phepafatsa kwa dikolong.
O rotloeditse khansele gore fa go tlhokegang teng gore go dirisiwe lenaneo la Ipelegeng go thapa batho go dira ditiro dingwe go ka dirwa jalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : TOBANE
Event : Phuthego
Date : 01 Jul 2020