Breaking News

Kgosi o lela ka tsela ya Tshokwe-Tobane

28 Jun 2020

Kgosi Itumeleng Pelotona wa Tshokwe  kwa kgaolong ya Legare a re tsela ya Tshokwe/Tobane e botlhokwa mo go tsiseng ditlhabololo kwa motseng wa bone.

Fa a bua mo potsolosong, Kgosi Pelotona o boletse fa nako e tsile gore puso e tshele tsela e sekontere.

A re go tlhoka tsela go na le seabe mo ditlhabologong tsa motse wa gagwe tse di tlang ka go rotha.

A re dikoloi tsa setshaba le tsone ga di tsamaele kwa motseng ka ntata ya tsela ee maswe. Kgosi Pelotona a re banni ba Tshokwe ba sokola go ya toropong ya Selebi Phikwe ka go sena dipalamo tsa setshaba.

A re seemo sa tsela e ga se jese diwelang ka e tsaya nako e telele go gopiwa.

Kgosi Pelotona o ne a lela gape ka borogo jo bo tshelang noka ya Molabe.

A re ka dinako tsa pula, morafe ga o kgone go tlola noka eo, ka jalo e tlhoka go direlwa borogo go nolofatsa botshelo jwa banni.

Kgosi o ne a tlatsa ka gore fa pula e nele, ba tsamaya sekgala se se leele go ya go tsaya ditlamelo kwa Selebi Phikwe.

A re ba tlamega go kgweetsa dikhilomethara tse masome mabedi ba ya Robelela e be ba tsamaya gape sekgala sa masome mane a dikhilomethara go ya Mmadinare mme ke gone ba kgone go ya kwa Selebi Phikwe.

A re go setse go le dingwaga ngwaga ba tshela botshelo jo mme ba kopa go tsenyetswa borogo gore ba kgone go tlola noka ya Molabe.

Kgosi o kopile dikhamphane tse di ikemetseng go thusa puso go tlhabolola matshelo a Batswana, a tlatsa ka gore puso ga e kake ya kgona ele nosi ka e lebagane le dikgwetlho tse dintsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : TSHOKWE

Event : POTSOLOTSO

Date : 28 Jun 2020