Breaking News

Kepo ya motlhaba ga e robatse Ratlhomelang

28 Jun 2020

Banni ba kgotla ya Ratlhomelang kwa Molepolole ba lela ka bagwebi ba ba epang motlhaba mo molapong o o ralalang kgotla ya bone.

Banni ba re seemo se, se tlhoka go tsibogelwa ka jaana tikologo e babalelwa.

Mongwe wa banni, Rre Phuthego Thanjo, a re seemo sa go epiwa ga motlhaba ga se ba itumedise ka jaana se bakile tshenyo le go godisa borai jwa go tlola molapo.

“Motlhaba o mosola thata go nna teng mo molapong ka jaana o fokotsa bokete jwa metsi go na le gore metsi a fitlhele mokwakwa ka jaana  a nna diphatsa.”

Rre Thanjo o tsweletse a tlhalosa gore, e re ka jaana seemo se tsweletse ka go ba tlhokisa kagiso, ba tlaa patelesega go tswa ka maano a go lwantsha seemo se  ka maiteko a go buisana le ba ba amegang a sa tswe maduo.

“Re bua gangwe le gape le batho ba re kgonang go ba tshwara ba epa motlhaba, mme bangwe ba ikope maitshwarelo ka tsholofelo ya gore seemo se tlaa bepa, mme tshenyo e tsweletse ka go gola.”

Rre Poloko Rampagane, ene o ne a tlhalosa gore matshwenyego a matona ke gore baepi ba motlhaba ga ba rekegele tshenyo e ba e dirang, le gone go lemoga ditlamorago tse di ka nnang teng

A re batho bao ba tlhaloganya gore se ba se dirang ke molato, ka go le gantsi ba ratela ka dinako tsa bosigo kgotsa fa ba lemoga gore beng ba malwapa a a gaufi ba dule.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo ya Ratlhomelang, Mme Leatile Majafhe, a re ba lemoga tshenyo e e dirwang ke batho ka go tlhoka boikarabelo.

“Poifo ya rona ke gore molapo o ka nna diphatsa thata fa motho a kgabaganya ka dinako tsa dipula ka jaana motshelakgabo o o dirilweng o le kgakajana mme batho ba dinao ba patelesega go tlola gongwe le gongwe jaaka e ne e le tlwaelo, pele baepi ba motlhaba ba baka tshenyo e kalokalo,” ga tlhalosa Mme Majafhe.

O supile gore seemo seo se ba tshedisetsa mo poifong bogolo jang ka dinako tsa dipula fa batho ba o kgabaganya.

Motshwarelela mookamela mapodisi a Molepolole le tikologo, Rre Uyapo Koketso, a re seemo seo se tshwenya fela thata, mme e bile ga se ame Ratlhomelang fela.

“Re amogela dikgang gangwe le gape tsa go ikgatholosa tsamaiso ya go epiwa ga motlhaba mo go ka fa molaong, mme re tsweletse ka dikotlhao tsa madi a a seng kwa tlase ga sekete, e le maiteko a go  kgalema.”

Rre Koketso a re ba tlaa tswelela ka maiteko a go bona gore seemo se, se tsena mo taolong.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : POTSOLOTSO

Date : 28 Jun 2020