Breaking News

Komiti e tsweletse ka dipaakanyo

28 Jun 2020

Komiti e e baakanyetsang moletlo wa go gopola Tautona wa ntlha wa Botswana, Sir Seretse Khama, e faraferwe ke letlhoko la madi, mme le fa go ntse jalo, dipaakanyo di tsweletse sentle.

Mokwaledi wa komiti eo, Rre Kagiso Lekgoane, o boletse mo potsolotsong gore le ntswa letsatsi le la Phukwi a rogwa le le botlhokwa, ngwaga ono tsamaiso e tlaa seke e nne e e tlwaelesegileng ka mabaka a segajaja sa COVID – 19.

 “Ka tlwaelo meletlo ya go ipelela botshelo le ditiro tsa ga Sir Seretse Khama e direlwa mo kgotleng, morafe o phuthegile, go apeilwe dijo le go natefisa ka ditsela tse di farologanyeng, mme ka mabaka a go tlhagoga ga COVID-19, monongwaga go tlaa nna pharologanyo ka gore morafe ga ona go kokoana mo kgotleng,” ga tlhalosa Rre Lekgoane.

Le fa go ntse jalo, a re maikaelelo a bone ke go dira setshwantsho sa motshikinyego go ipelela botshelo jwa tautona wa ntlha ka tiriso ya maranyane.

“Re kopile Botswana Television go gasa setshwantsho sa motshikenyego se se tsweletseng ka go rulaganngwa, mme mo nakong eno, re santse re emetse phetolo ya bone.”

A re fa kopo ya bone e ka atlega, e tlaa bo e le phitlhelelo e kgolo ka gore ba tlaa goroga kwa Batswaneng ka bophara.

Rre Lekgoane a re komiti e tlhaelelwa ke madi a go duela yoo dirang sethswantsho se.  

“Re tlhoka madi P35 000 go rulaganyetsa tiro e, mme ga re a phutha matsogo ka re kwaletse Lephatla ba Tlhabololo Banana, Metshameko le Kgodiso Ngwao gore thusa ka madi.”

Rre Lekgoane a re mo dingwageng tse di fetileng, komiti e ne e kgona go tshwara moletlo ka thuso ya dikhamphane le Batswana ka bongwe ka bongwe. Komiti le yone e ne e dira ditiro tse di farologanyeng go kokoanya madi.

Mokwaledi a re setshwantsho sa motshikinyego se se rulaganngwang se tlaa supa kgatiso ya dipuisano le mabutswapele, badira dipatlisiso le bakwadi ba ba tlaa tlhalosang botshelo jwa ga Sir Seretse Khama.

A re Sir Seretse Khama e ne e le moeteledipele wa popota e bile a dirile ka natla go bopaganya setshaba.

“O dirile ka thata go tlhabolola ditso le ngwao, a ruta merafe e e farologanyeng ya Botswana go tlotlomatsa ngwao le puso ya batho ka batho. 

O ne a eteletse pele lenaneo la ditlhabololo, thuto le go rotloetsa therisanyo, tekatekanyo ya botlhe le go dira ka mowa wa therisano. Sengwe sa tse Sir Seretse Khama a tla a gopolwang ka tsone ke go rotloetsa gore ditsa-tlholego jaaka diteemane di akolwe ke Batswana botlhe ka tekatekanyo,” ga tlhalosa Rre Lekgoane.

Sir Seretse Khama o belegwe mo lelwapeng la bogosi jwa Mmangwato ka kgwedi ya Phukwi e rogwa ka ngwaga wa 1921, a tlhokafala ka ngwaga wa 1980 e le Tautona wa ntlha wa Botswana.

Ka jalo, Rre Lekgoane a re ngwaga o o tlang wa 2021, ke ngwaga wa bo lekgolo, ka jalo letsatsi la ga Sir Seretse Khama le ya go nna pharologanyo ka gore mogaka yo, fa a kabo a sale botshelong, o kabo a ipelela dingwaga tse di lekgolo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : GABORONE

Event : POTSOLOTSO

Date : 28 Jun 2020