Breaking News

Letsholathebe o lekola dikole

28 Jun 2020

Mopalamente wa Tati Botlhaba, Dr Douglas Letsholathebe, o ne a etetse dikolo dingwe kwa kgaolong ya gagwe bosheng.

Maikaelelo e ne e le go bona ka fa di tsibogetseng ka teng twantsho kanamo ya mogare ya corona.

O ne gape a abelana megopolo le ba-na-le seabe ka tse di ka dirwang kwa dikolong.

Mopalamente Letsholathebe, yo gape e leng tona wa lephata la Thuto e kgolwane, Dipatlisiso, Boranyane le Boitsaanape, o ne a supa fa a itumedisitswe ke seemo se se kwa dikolong ka a re di diragaditse tsotlhe tse di tlhokafalang.

A re COVID-19 e apesitse mafatshe kobo ka letshoba, a re ka jalo Batswana ba tshwanetse go tlhaloganya fa seru se, se tlhoka go tshwaraganelwa ke botlhe.

Dr Letsholathebe a re barutabana ba tshwanetse go akgolelwa go ikemisetsa go dira tiro ya bone ka botswerere mo ntweng kgatlhanong le segajaja sa COVID-19.

A re go le gantsi, barutabana ba nna ba itlama go dirisa nako ya bone mo ditirong tsa sekolo, mme e bile mo makgethong a mangwe ba dira ditiro dingwe tse di seng mo maitlamong a bone.

A re seo, se supa fa ba na le boikarabelo jo bogolo mo thutong le boitekanelo jwa bana.

Mopalamente Letsholathebe o ne a abela dikolo tsa metse ya Tsamaya le Tshesebe, mesangwana ya bomme, dithiba molomo le dinko, ditsaya megote le dikobo tse pedi sengwe le sengwe sa tsone, go thusa mo ntweng ya kanamo ya mogare wa corona.

Dikobo tseo di tla dirisiwa mo dikamoreng tse di tshegetsang baithuti ba ba sa tsogang sentle.

Bagogi ba dikolo ba re le fa dikgwetlho di le teng fale le fale, ba tsweletse sentle ka dithuto tsa bone.

Gape ba ne ba supa fa beke e kgona go fela go sena metsi, ba bolela fa seo se ka folodisa maiteko a go tlhabantsha bolwetse jo.

Metse ya Tshesebe le Tsamaya e na le dikolo tse dikgolwane mongwe le mongwe wa one, tse tsotlhe di na le boroko jwa baithuti, mme go tlhalositswe fa palo ya baithuti e le kwa godimo go feta matlo ao, selo se se ka nang sa folodisa maiteko a go katologana ga baithuti. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : TSAMAYA

Event : KETELO YA SEKOLE

Date : 28 Jun 2020