Breaking News

Mothusa tona o itumelela bophepa

28 Jun 2020

Mothusa Tona wa Thuto go tswa kwa Moding, Mme Nnaniki Makwinja, a re o itumelela bophepa kwa dikoleng  tsa kgaolo ya botlhophi ya Sefhare/Ramokgonami.

O buile se ka Labone morago ga go etela dikole di le thataro.

“Le dirile tiro e ntle thata, ka tshwaragano e e kwa godimo. Dikole tse tsotlhe tse ke di tsamaileng mo kgaolong e, di phepa. Le dirile se segolo, mme e bile le seka la inyatsa,” ga bua Mme Makwinja.

A re puso e ne ya  bula dikole gore baithuti ba seka ba latlhegelwa ke dithuto mo nakong eno ya segajaja sa COVID-19.

A re maikaelelo a puso a tlaa atlgea ka ntata ya boineelo le kgatlhego ya barutabana mo thutong.

A re go ne go le botlhokwa go netefatsa pele gore fa bana ba boela dikoleng, melawana yotlhe ya ba botsogo ya go thibela kanamo ya mogare wa corona e a diragadiwa.

Tiro e, e a reng e ne e se motlhofo, e ne ya kgonagala ka tirisano mmogo ya bodiredi ba dikole.

Mme Makwinja o rotloeditse bodiredi go tlhomamisa gore ditlhabololo le diphetogo tsotlhe tse puso e di dirileng kwa dikoleng e nna tsa sennelaruri gape di tswelela di le mo seemong se sekgatlhisang.

A re keletseo le thotloetso ya ba botsogo ke gore dikole di tswelele ka go nna phepa.

“Re le puso, re a le lemoga mme e bile re a le leboga le le barutabana. Fa ke santse ke le mo maemong a, ke batla gore seemo sa barutabana se tokafale.

Fa ne go sena bodiredi jo bo nang le kgatlhego mo thutong ya ngwana, puso e le nosi e ka bo e sa kgona go baya dikole mo seemong sa gore di bule go setswe morago melawana ya ba botsogo morago,” ga tlatsa Mothusa Tona.

Fa a ntsha la gagwe, mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang o ne a lebogela Mme Makwinja go etela dikole tsa kgaolo ya gagwe gore a iponele a bo a ikutlwele dikgwetlho tse di lebanyeng dikole.

Dr Gobotswang o supile fa banni ba Ramokgonami ba lela ka go agelwa sekole se se potlana sa bobedi.
Go supa tlhwaafalo ya bone ka se, a re banni ba Ramokgonami ba setse ba simolotse go kolekela go agiwa ga sekole seo.

Dr Gobotswang a re se ke maiteko a bone a go supa mowa wa boipelego gore nako e puso e tsayang tshwetso ya go se ba agela a bo e fitlhela le bone ba dirile sengwe.

Modulasetilo wa khansele-potlana ya Mahalapye, Rre Banthasetse Merementsi, o ne a lebogela Mme Makwinja go bo a tsere nako go ya go iponela maiteko a bone, ka tshwaragano le bodiredi jwa dikole tsa Sefhare/Ramokgonami.

“Re tiile moko ka gore re bone gore lebelo le re neng re le tsere, go bona gore bana ba babalasegile mo dikoleng, re ne re se nosi mo go lone,” ga bua rre Merementsi.

Rre Merementsi a re ga ba ise ba wetse tiro ya bone kwa dikoleng ka ba sa ntse ba tshwaraganye le go tsenya dithuthafatsa metsi kwa dikoleng tsotlhe tsa kgaolo ya bone.

“Bodiredi jwa rona bo thusitswe ke mowa wa tshwaragano. Mme ga re ise re wetse, re ntse re tsweletse ka tiro e mo dikoleng,” ga tlatsa modulasetilo.

Mme Makwinja o ne a etetse dikole tse dipotlana tsa Machaneng, Mmutle le Ramokgonami le tse dikgolwane tsa Mosikari, Sefhare le Ramokgonami.

O ne a patilwe ke mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Mahalapye, Rre Bakani Mathumo le mogolwane wa tsa thuto, Rre Otukile Kedikilwe.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : MAHALAPYE

Event : KETELO YA SEKOLE

Date : 28 Jun 2020