Breaking News

Metsi a a bothitho konokono mo baithuting

28 Jun 2020

Go botlhokwa gore go tsenngwe metsi a a bothitho kwa dikoleng gore bana ba tlhape diatla gona le go dirisa di bolaya mogare ka jaana bangwe ba anywa menwana.

Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Rachel Villander, o buile jalo bosheng fa a akgela mo tekodisong ya modulasetilo wa khansele ya kgaolo ya Kgalagadi, Rre Hendrick Jacobs.

Mme Villander a re go borai go dirisa di di bolaya megare mo matsogong, ka gore bana, bogolo jang ko dikoleng tse dipotlana, ke ba ba santseng ba hatlhoga.

A re go botlhokwa go tlhomamisa gore dithuthafatsa metsi di tsenngwa ka bonako.

O rotloeditse gore go dirwe methale e mesha ya go kwadisa bana kwa kgorong ya sekole le go ba tsaya mogote go itsa gore ba simolole dithuto morago ga nako.

Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Tsabong Borwa, Rre Edward Coetzee, ene a re puso e lekile ka bojotlhe go baakanya dikole go di baya mo maemong a a siameng go lwantsha segajaja sa COVID-19, mme go santse go tlhokega gore go baakanngwe fale le fale gore seemo se laolesege ka thelelo.

A re go tsenngwa ga ditanka tsa metsi gore baithuti ba tlhape diatla go santse go ise go wele ka jalo go tsaya nako gore bana ba thusiwe phakela pele ga dithuto.

O tlhalositse gore sekolo se se botlana sa Tsabong, se na le bana ba le 800, ka jalo go tlhokega maranyane kana go oketsa ba ba ba kwadisang ko kgorong gore sekole se tsene ka nako.

Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Nkatlholang Simane le ene o gateletse gore go santse go lemosega gore dithuto di simolola morago ga nako ka baithuti ba ikwadisa pele ba bo ba tsewa mogote.

Ka jalo seemo seo se tshwanetse go tokafadiwa gore baithuti ba simolole dithuto ka nako.

Mokhansela wa Gakhibane, Rre Tirelo Pule a re segajaja sa COVID-19 se borai mme go tlhokega gore batho ba tlhatlhobiwe nako le nako.

Mokhanselara wa Werda, Rre Obokeng Maletsi o kopile gore go elwe tlhoko di tsaya megote, ka bontsi jwa tsone go belaesega di sa tseye mogote sentle.

A re setsaya mogote se kgona go supa fa mogote wa ngwana e le 40, mme e re a tsewa gape mo sebakeng se sekhutshwane gone foo, mogote o bo o bala palo e e kwa tlase.

A re dikole dingwe mo kgaolong ya gagwe di felela di tsenya bana fela mo sekoleng ka mabaka a gore ditsaya mogote di a bo di sa bereke sentle, selo se a reng se tshwanetse go baakanngwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : tekodison ya khansele

Date : 28 Jun 2020