Kgodiso ya ngwana e botlhokwa
25 Jun 2020
Kgosi Charles Koitsiwe wa Broadhurst mo Gaborone a re ga a itumedisiwe ke go bona batsadi bangwe, bogolo jang banana ba atisa mokgwa wa go akaretsa bana mo dikgotlhannyeng tsa bone.
Kgosi Koitsiwe o buile jalo mo potsolotsong le BOPA ka Labobedi mo Gaborone, a re mokgwa o o felela o gotlhagotlhana le kgodiso ya ngwana.
O tlhalositse gore bangwe batsadi ba felela ba retelelwa ke go tla ka tsela e e maleba e e ka ba thusang mo kgodisang ya ngwana ntswa ba sa nne mmogo.
Kgosi Koitsiwe o supile fa gangwe le gape go na le go gogagoganela ngwana, kgotsa mongwe wa batsadi a seke a dire matsapa ape go ka thuso ka ditlamelo tse di ka godisang ngwana, a ipata ka go re fa a kgaogane le mokapelo ga go botlhokwa gore o ka ntsha sepe se se ka thusang.
Bangwe batsadi fa ba fiwa boikarabelo jwa go nna le ngwana ba nna le mokgwa wa go ka mo ikgagapelela, ba itsa motsadi yo mongwe sebaka sa go ka amana le ngwana.
Kgosi Koitsiwe a re le fa batsadi ba kgaogane, seo ga se reye gore kgodiso ya ngwana e tshwanetse go sekamela golo go le gongwe kgotsa ya imela motsadi a le mongwe.
A re ngwana o tshwanetse go fiwa sebaka sa go itse batsadi botlhe go tswa kwa letlhakoreng la kwa ga mmaagwe le la ga rraagwe.
Go sale foo, Kgosi Koitsiwe o ne gape a kgala mokgwa wa gore bangwe batsadi ba bo ba amogela madi a kgodiso ya ngwana mme ba retelelwe ke go dirisa madi ao mo go maleba.
A re mokgwa o ke go gweba ka ngwana.
Kgosi Koitsiwe o gakolotse batsadi botlhokwa jwa go batla ditsela tse di maleba tebang le kgodiso ya ngwana fa ba kgaogana.
Kgosi o supile fa bomme bangwe ba atisa mogopolo wa go tlogela borre ka morwalo wa bana mme fela ba e ba dira ape maiteko a go thuso borre ka ditlamelo tsa kgodiso ya bana.
O gakolotse borre ba ba iphitlhelang ba le mo seemong se go ikuela le go kopa thuso kwa diofising tse di maleba.
A re borre ba seka ba nna ba-tswa setlhabelo sa kgokgontsho ba beile fela mo go reng ngwao e rotloetsa fa rre e le ene a tshwanetseng go fepa bana ba gagwe e seng go tlhokomelwa ke mme. BOPA
Source : BOPA
Author : Kesentseng Manyepedza
Location : GABORONE
Event : Potsolotso
Date : 25 Jun 2020