Breaking News

Bolwetse jwa corona bo tlhokisa phane bareki

25 Jun 2020

Banni ba Tswapong ba ba ikaegileng ka go bapala phane, ba lela sa ga ragele ka ngwaga ono ba sa bona sepe lebaka legolo e le kiletso mesepele go itsa kanamo ya mogare wa corona.

Phane e bapalwa thata mo dikgweding tsa Morule le Moranang mo kgaolong e, mme fa e le boutsana go tsisa kutlobotlhoko mo baaging ba kgaolo e ka ba tshwanelwa ke go tsaya leeto le le leele ba batla kwa ba ka bapalang teng.

Ntswa phane e ne e nyeula ka Moranang mo kgaolong eo, selo se se neng sa seka sa ba sologela molemo ka lefatshe le ne la tsena mo kiletsong mesepeleng go tila kanamo ya mogare wa corona.

Mongwe wa babapadi ba phane kwa Lerala, Mme Obonye Molemane a re bolwetse jwa corona bo tsile ka ditlamorago tse di botlhoko ka ba ne ba solofetse dipoelo mo thekisong ya phane ya mono ngwaga.

Mme Molemane o ne a supa fa mono ngwaga phane e ne e le ntsi kwa Lerala, ka jalo ba ne ba sa tlhoke go tsena mo ditshenyegelong tsa go batla dipalamo go ya kwa mafelong a a kgakala go e tshwara.

A re ka kiletso mesepele o ne a tswa fela ka dikgetsi tse tlhano tse di leng kwa tlase ga palo e a tlholang a e bona, ka ba molao ba ne ba ba emisa go bapala.

Mme Molemane yo o supileng e le motshwari wa  phane wa popota, o ne a tlhalosa fa a tswa kgakala a itshetsa ka yone le ba lelwapa la gagwe, a kgonne go tsenya bana sekole ka madi a yone.

O ne a supa fa monongwaga e sa mo thusa gotlhelele ka le yone e a e setseng e tlhokile bareki, ba bontsi e leng ba Afrika Borwa.

A re  ka ba amilwe segolobogolo ke go tswalwa ga melelwane, tsweletse a supa fa se se phirimisitse ditoro tsa gagwe tsa go dira dilo dingwe tse di tlhaelang mo lwapeng jaaka go katolosa ntlo le go duelela bana sekolo.

Mme Molemane o ne a re ba bapile le dikgetsi tsa phane mo matlong ka go sena kwa ba ka e isang teng.

A re ba setse ba e sola molemo ka go e ja.

Rre Dineo Arabang, mongwe wa ba ba itshetsang ka go isa batho phaneng ba mo duele ka yone a re ngwaga o, ga a a tswa ka sepe ka ba ne ba busiwa ba ise ba tshware phane ka lebaka la bolwetse jwa corona.

Rre Arabang a re ga a ise a bereke gope mme phane ke yone e mo tsenyetsang letseno mo lwapeng.

O ne a supa fa a kgonne dilo di le dintsi ka lebaka la yone. 

O ne a supa fa le ene a bone dikgetsi tse tlhano tsa phane, mme a supa fa a ka bo a ne a bona palo e e botoka go na le a e boneng fa e ne e se lebaka la bolwetse. 

O ne a re phane e tshwana le leruo le Motswana mongwe le mongwe a beileng botshelo jwa gagwe mo go lone ka e le bogadi bo gaufi.

Mme Saniki Waniki wa Moreomabele le ene o lela selelo sa khutsana.

A re o tswa kgakala a rekisa phane mo tseleng ya A1.

A re bakgweetsi ba diteraka ke bone ba gantsi ba neng ba reka phane ya gagwe.

A re gompieno dilo di fetotswe ke bolwetse ka jaanong bakgweetsi ba diteraka ba sa tlhole ba letlelelwa go ema ba reka.

 

A re selo se se bolaile kgwebo ya gagwe ka jaanong go rekwa ka boutsana mme mo gongwe a kgona go boela gae a iphotlhere go sena le fa ele ope yo o rekileng. BOPA

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : LERALA

Event : Potsolotso

Date : 25 Jun 2020