Dikamore tsa boroko di a tlhaela kwa Mothamo
24 Jun 2020
Bogogi jwa sekole se segolwane sa Mothamo kwa Moiyabana kwa kgaolong ya Serowe Borwa bo duba thankga go fa baithuti ba ba nnang mo sekoleng maroko mo go siametseng seemo sa gompieno sa go laola mogare wa corona.
E ne ya re ka Mosupologo, BOPA ya tsaya matsapa go tlhatlhoba seemo ka letsatsi le lekgamu la bobedi la baithuti le neng le boela sekoleng.
Mogokgo wa sekole sa Mothamo o ne a lebanwe ke namame e tona ya tiro gore go ka tweng ka bana le maroko a a sa lekanang.
Mogokgo Willie Okatswa, o boletse fa bana ba boile botlhe mme e le ba ba nnang mo sekoleng.
A re bontsi jwa bone ke ba ba tswang kwa dipolaseng tse di kwa bophirima jwa motse le metse e e mabapi ya Mogorosi, Thabala, Motshegaletau, Sehunou, Mabuo, Moiyabana, le Mosolotshane.
Rre Okatswa o boletse fa sekole se na le baithuti ba le 1 092, bontsi e le ba ba nnang kwa sekoleng.
A re tsholofelo ke go fa baithuti ba basetsana ba le 391 le basimane ba le 349 boroko mo sekoleng mme go tlhaela, dikamore tsa basimane di 27 fa tsa basetsana di le 36.
Rre Okatswa o tlhalositse fa ba petelesega go robatsa bana ba le lesome mo kamoreng go na le boferabobedi jaaka ba eletsa gore ba laole kanamo ya mogare wa corona.
O boletse fa ba setse ba kwadisitse basetsana ba le bane ba ba setseng ba imile, go sa itsewe gore a go diragetse mo sekoleng kana ba tla ba ntse jalo go tswa malwapeng.
Rre Okatswa o boletse fa lephata la thuto le ba solofeditse dicaravan mme di ise di bonale.
O boletse fa matlhapelo a diatla fa kgorong le one a ise a wele sentle le mororo dikole di butswe.
Mogokgo a re baithuti ba tsena ka go fapaana go na le ba maphakela le ba maitsiboa.
Ba mo mosong ba tsena ka 7:30 go ya kwa go 11:00 fa ba maitsiboa ba tsena ka 11:00 go fitlha ka 4:30.
Dingwe dikole kwa kgaolong-potlana ya Serowe di butse sentle mathata ke mela ya baithuti, e e matsopodia, go tsewa megote, go ikwadisiwa le go tlhapa matsogo mo go neng go tsaya sebaka.
Kwa sekoleng se sebotlana sa Mogorosi, baithuti ba 830 mme ba buile botlhe.
Mogokgo wa sekole, Mme Baotleleng Baotleleng o boletse fa le bone ba tsenya baithuti ka go ba fapaanya.
A re bana ba omosediwa metsi go a tlhapa diatla. BOPA
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 24 Jun 2020