Ba Ghabamocha ba lela ka bogodu ja leruo
24 Jun 2020
Banni ba motsana wa Ghabamocha gaufi le Shorobe kwa Bokone Bophirima ba tlhalositse fa ba tshwenngwa ke bogodu jwa leruo jo ba reng bo golela pele mo kgaolong ya bone.
Banni ba tlhaloseditse mopalamente wa Maun Bophirima Rre Goretetse Kekgonegile ka Labobedi fa a ile go lekola motsana wa bone, fa ba setse ba dule bahumanegi ka ntlha ya magodu a a fetsang leruo la bone. Mongwe wa banni, Mme Kebotse Sakoi o tlhalositse fa magodu a kgona go direla badisa matshosetsi e bile a re ene o latlhegetswe ke dikgomo tse thataro ka ntlha ya bogodu.
Rre Mphoyamodimo Mambukushu o gakolotse gore ditsamaiso tsa leruo di fetolwe, di dirwe ke ba bogosi jaaka thekiso le tsamaiso ya mahudiso, a re gongwe seo se ka thusa go sireletsa barui.
Mopalamente Kekgonegile o ne a gakolola banni go ipopa setlhopha le go itshwaraganya le ba molao go buisanya ka fa ba ka thusanang ka teng go lwantsha bogodu jwa leruo le gone go sekaseka gore a ba ka thusiwa ka lenaneo la KgomoKhumo.
Fa a bua ka matlhabelo a Botswana Meat Commission, Rre Kekgonegile a re keletso ke gore BMC e fetole tsamaiso ya yone gore e reke dikgomo tse di sa golang thata ka tlhwatlhwa ya tse ditona ya nako eno.
A re seo, se ka thusa barui go boloka madi a go godisa leruo le go nna le dipoelo tse di botoka.
Mo go tsa temo, mopalamente o ne a gakolola banni go sekaseka ditsela tsa temo di tshwana le go lema e le ditlhopha.
O ne a ba gwetlha go tsaya temo-thuo ka tlhoafalo.
A re bolwetse jwa COVID-19 bo supile fa go le botlhokwa gore lefatshe le itirele dijo le bo le ijese ka go ne go na le tlhaelo ya dijo dingwe ka nako ya kiletso motsamao.
Le fa go ntse jalo, Rre Kekgonegile are banni ba Gabamocha gore ba tswelele ka go itlhokomela kgatlhanong le go ka tsenwa ke bolwetse joo, a re ba tswelele ka go tlhapa diatla le go katologana. BOPA
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : GABAMOCHA
Event : Phuthego
Date : 24 Jun 2020