Breaking News

Mothusa tona o galaletsa maiteko

24 Jun 2020

 Mothusa tona mo lephateng la Tlhabololo Temo-Thuo le Tshireletsego ya Dijo, Mme Beauty Manake, a re maiteko a Batswana bangwe a go thusa lefatshe go ntsha dijo ka mananeo a temo-thuo a a nametsa e bile a tiisa puso moko. 

Mothusa tona o itemogetse seo mo loetong lwa go lekola ditiro tsa temo-thuo tsa bagwebi ba ba fatlhogang ba thuo ya dikolobe, temo ya merogo le kwa go dirwang jeme go dirisiwa marotse, morula le tamati kwa Molepolole, Gamodubu le Metsimotlhabe bosheng.

“Maiteko a barui bangwe ba ke lekotseng ditiro tsa bone tsa temo-thuo a mpha tsholofelo ya gore lefatshe la Botswana le nonofile go ka thusa go tsosolosa mhama wa temo-thuo fa batho ba na le tse di maleba di akaretsa lefatshe la kgwebo le one madi a go godisa le go tsamaisa kgwebo,” ga tlhalosa Mme Manake.

O gwetlhile bodiredi jwa lephata la gagwe gore ba ba nang le maikaelelo le bokgoni jwa go thusa go tlhabolola temo-thuo ba engwe nokeng ka bogakolodi le tse di maleba go ka thusa go nonotsha le go tlhabololola dikgwebo tsa bone.

 “Ga ke na pelaelo gore le na le maitemogelo a tse lo di dirang, mme se se botlhokwa ke gore lo tswele kwa ntle le gole gore setshaba se lo itse go ka reka dithoto tsa lona,” a gakolola. 

A re maikaelelo a loeto lwa gagwe e ne e le go bona maiteko a Batswana ba ba mo thulagnyong ya go gweba ka temo-thuo, le go nna le boitemogelo ka diphitlhelelo tsa bone le tse di kgoreletsang maiteko a bone a go gola, go thusa go direla lefatshe leno dijo.

Monana wa temo ya khabetshe  Mme Happy Amon o tlhalositse fa a simolotse ka maikaelelo a go lema go thusa makgotla a bobelotlhomogi go sena tsholofelo ya go gweba ka a ne a nyatsa le lone lefatshe la ekere le a neng a kgonne go le bona. 

A re jaanong o fetotse lewa ka go lemoga fa a na le bokgoni jwa go gola mo go se a se dirang e bile e le sa boleng

Mme Gladys Tsimako, morui wa dikolobe kwa Gamodubu, ene o lekodisitse tona ka kgatelopele mo lenaneong la thuo ya dikolobe e e simolotseng ka 2014 ka dikolobe di le nne, tse jaanong palo ya tsone e godileng go menaganye go tshwara 38.

 Fela Mme Tsimako a re e re ntswa a ise a kgone go bona mmaraka wa di-tswa nameng tsa kolobe, o itumelela ka fa a tsweletseng ka teng mo maitekong a go godisa tiro eo.

Kwa Molepolole Mme Jane Motlalekgosi a re o amule botsipa mo balemising go ntsha tiro ya boleng, mo e bileng dithoto tsa gagwe di kgonne go tsena mo marekisetsong le fa e se ka bontsi jo a neng a bo eletsa.

 

O kopile khansele ya Kweneng  go sekaseka boleng jwa dithoto tsa gagwe gore e nne dingwe tsa tse di ka jewang ke bana mo dikoleng. BOPA

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego

Date : 24 Jun 2020