Breaking News

Go kabakanya kgwebo go busetsa Mogaetsho

23 Jun 2020

Monni wa Dimajwe kwa kgaolong ya Legare, Rre Japelo Mogaetsho, o ikiteile sehuba gore ga a kitla a nna ka diatla tsa gagwe.

Mo nakong e, o gweba ka dilo tse di farologaneng jaaka ditena, semausu le go rekisa diaparo. 

A re o simolotse dikgwebo tse a sena go tlogela tiro ya go aga, mme ka a ne a nna kwa Serowe, a fudugela kwa Dimajwe go dupa dupa gore o ka simolola kgwebo efe.

A re o ne a kgona go reka setsha kwa Dimajwe.

Rre Mogaetsho, wa dingwaga tse di masome a mane le borataro, a re dikgwebo tsa gagwe di mo direla bontle ka a di kabakantse.

O boletse fa a ne a lemoga fa kgwebo, bogolo jang ya ditena, e seyo kwa Dimajwe, mme a lemoga fa a tla a nna le bareki bogolo jang ba meraka le masimo ka gangwe le gape ba aga matlo.

A re kgwebo e nngwe e a neng a e akanya ke ya semausu, a supa fa a ne a tsaya tshwetso ya gore a rekise dijo tse di farologaneng, tse a itseng gore banni ba ka di tlhoka, mme a ba kgaolele mosepele wa go ya kwa Serowe.

A re e ne ya re a ntse a tsweletse, a tlatsa ka kgwebo ya go rekisa diaparo. 

A re kgwebo ya diaparo le yone e mo direla go le gontle ka a rekisa diaparo le ditlhako tsa bagolo le bana. A re diaparo tseo o di reka kwa Francistown, mme ba ba di rekang ba a di itumelela. Rre Mogaetsho a re le ntswa a sa ngongorege ka fa dikgwebo tsa gagwe di dirang ka teng, o na le dikgwetlho.

A re seemo se se kileng sa nna teng sa kiletso mesepele, se ne sa ama dikgwebo tsa gagwe mme ka a ikiteile sehuba a seka a itlhoboga.

A re kgwebo ya semausu e ne ya mo thusa fela thata ka e ne e dira le fa tse dingwe di ne di sa dire, mme a lemoga botlhokwa jwa gore a bo a gweba ka tse di farologaneng.

Rre Mogaetsho a re Dimajwe ke motse o monnye fela thata, ebile o beile thata mo ba bereking ba Ipelegeng, ba ba rekang thata mo go ene.

A re o tla a tswelela a itepatepantse le seemo sengwe le sengwe se se tla a tlang gore a kgone go itshetsa ka dikgwebo tsa gagwe tse a supang fa a na le lerato mo go tsone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Dimajwe

Event : Potsolotso

Date : 23 Jun 2020