Breaking News

Mapodisi a Tshane a begetswe masalela

23 Jun 2020

Mapodisi a Tshane kwa kgaolong ya Kgalagadi a tlhotlhomisa tiragalo e go bonweng marapo a go belaelwang e le a motho kwa merakeng e e fa gare ga Hukuntsi le Monong.

Mookamela mapodisi a Tshane, Superintendent Vusimuzi Jorowe, a re ba begetswe seemo seo ka Matlhatso ke rre mongwe yo a neng a le mo patlong ya dikgomo.

A re rre yo, o tlhalositse fa a ne  a bona sengwe se lebega jaaka diaparo mme a gwetlhega go atumela go ntsha pelo pelaelo.

O ne a kgatlhantshiwa ke go bona ditlhako, mme go bapa le tsone a bona marapo a, ka jalo a ya go begela ba sepodisi.

E re dikgang di eme jalo, Supt Jorowe o tlhalositse fa ba ntse ba le mo patlong ya rre mongwe wa dingwaga tse di ka tshwarang masome a mabedi le bosupa wa Lehututu yo o bonweng labofelo kgwedi ya Tlhakole e tlhola malatsi a ferabobedi.

A re morago ga go begelwa tiragalo ya mafelo a beke, ba ne ba tsaya ba losika la yo o timetseng go ya go ba lebisa, mme a re ba fetile ba supa fa diaparo di tsamaelana le tsa ngwana wa bone.

Le fa go ntse jalo, Supt Jorowe a re ditlhotlhomiso di santse di tsweletse ka jaana masalela ao a tshwanetse go tlhatlhobiwa ke ba bongaka.

Superintendent Jorowe o ne a supa fa ba sa jesiwe diwelang ke go nyelela ga batho mme ka bomadimabe ba begiwe ba setse ba tlhokafetse.

O ne a tlatsa ka gore ba setse ba gatisitse dikgang di le tharo tsa mohuta o.

Supt Jorowe o ne a leboga banni ba kgaolo ka kemo nokeng ya bone segolo bogolo ka nako tse go bolodiwang letsholo la go batla  ba ba timetseng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Hukuntsi

Event : Potsolotso

Date : 23 Jun 2020