Barui kwa Ramotimane ba tlhaba mokgosi
23 Jun 2020
Barui ba masimo a Ramotimane gaufi le Molepolole ba lela ka bogodu jwa leruo jo ba reng bo tsere phekelo.
Mongwe wa barui, Mme Opane Bolele, o tlhalositse mo potsolotsong fa a inotse dipodi tsa gagwe di le masome a mane le botlhano mo dirukutlhing tse di ileng tsa inaa naga fa di ba bona.
A re o ne a fitlhela di le nne di tlhatlhetswe kwa merakeng ya Hubasanoko gaufi le Boatlaname.
Mme Bolele a re o ne a bona dipodi tseo ka thuso ya bangwe morago ga malatsi a le mane di sena go rwalwa ka koloi ke batho bangwe ba ba itseweng mo kgaolong eo.
O tsweletse a supa fa tse masome a mane le motso di ne tsa tla di rwelwe ka koloi ka letsatsi la botlhano ke batho ba neng ba setse ba lemogile gore sephiri se dule.
O tlhalositse fa tiragalo eo e begetswe mapodisi, mme nako kgolo ke eno.
Morui yo mongwe, Rre Frank Ntsie, a re tiragalo ya bosheng e mo go yone go fitlhetsweng dinama tsa tonki di fitlhilwe mo ntlong ya modisa mongwe e bakile tlhobaelo ya gore ke gone kwa leruo la bone le felela teng.
A re gangwe le gape ba latlhegelwa ke leruo mme ba ineele ka go tlhoka motlhala wa badira molato.
Rre Sete Tsomane ene a re ba lelela mo sepodising go tsibogela bothata jwa barui ba kgaolo ya ga Ramotimane go hema go itseela molao diatleng.
Mme Mpho Ramojaki a re o utswetswe leruo go simolola ka ngwaga wa 2015, mme seemo mo nakong eno se befile.
Rre Moswazi Motlhobogwa ene o ne a supa dinaka tsa podi e a reng go utswiwa ga yone gone go na le motlhala o o tsepameng le fa a ne a seka a bona thuso ya mapodisi.
A re podi eo le tse dingwe tse pedi di ne tsa bonwa di tlhatlhelwa mo lekomeng kwa masimong a Phiring.
Rre Mmatli Mophukisi a re mo mabakeng a mantsi ba itsapa go bega dikgang tsa borukutlhi jwa leruo mo kgaolong eo ka ba abo ba sena bosupi jwa kwa ba ka batlelang teng.
Barui ba re ka gotwe ‘moseka phofu ya gaabo ga a swe lentswe,’ ga ba kitla ba lapa go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go netefatsa tshireletsego ya leruo la bone mo borukutlhing jo.
Kgosi Messiah Rankokwane wa kgaolo ya Masugankwe a re o tsweletse ka go amogela dipego tsa go rekisiwa ga dinama tse go belaelwang e le tsa leruo le le utswilweng.
A re mo bogompienong o setse a na le dikgang di ka tshwara lesome le botlhano.
O ne a tlhagisa setshaba go ikgapha mo go rotloetseng dikgang tseo ka go reka dinama ka bokukuntshwane.
Ramapodisi a Molepolole, Superintendent Motlhaba Ramaabywa, o tlhomamisitse dikgang tse pedi tsa Ramotimane tse a supang di le mo diateleng tsa bone go tlhotlhomisiwa.
O ikuetse mo baruing gore ba seka ba kgobega marapo go tlhaba mokgosi fa ba kopana le diemo tseo
A re go tlhotlhomisa dikgang go kgona go nna motsopodia bogolo jang fa di sena motlhala oo tsepameng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Molepolole
Event : Potsolotso
Date : 23 Jun 2020