Breaking News

Ekentolo-Mavange e otlolola seatla

23 Jun 2020

Batswana ba tsweletse ka go tsibogela ntwa kgatlhanong le bolwetse jwa COVID-19 ka go aba dimpho tse di itebagantseng le go leka go laola kanamo ya mogare wa jone.

E ne ya re kgwedi eno e le masome mabedi, mokgatlho wa Ekentolo-Mavange kwa Masunga mo kgaolong ya Bokone Botlhaba le one wa supa seabe sa one mo ntweng eo ka go abela sekole se sebotlana sa Masunga di thiba melomo le dinko di le lekgolo.

Didirisiwa tseo tse di lopileng P3 500 di ne tsa rolelwa botsamaisi jwa sekole, mme di tlaa abelwe baithuti bangwe.

Fa a ntsha lefoko la kgothatso, Kgosi Maruje III o ne a supa fa go le gantsi go se motlhofo gore motho a kgaogane sengwe le bangwe, a re le fa go ntse jalo go a itumedisa go bona Batswana ba santse ba tshegeditse serodumo sa setho seo, se ba tswang goo Lowe le sone, sa go thusa bangwe fa ba wela mo isong.

A re mo godimo ga moo, go lebega bolwetse jwa COVID-19 bo tshwentse e bile bo gwetlhile bontsi jwa Batswana go tsosolosa mowa oo.

Kgosi Maruje III o ne a akgola ba mokgatlho wa Ekentolo-Mavange go menagane, a tlatsa ka go re le ntswa mpho eo e ka tswa e le nnyennyane ka tebo ya matlho, fela e botlhokwa ka jaana e rotloetsa pitso ya puso ya gore go ipipiwe melomo le dinko go leka go laola kanamo ya mogare.

Kgosi o bolela fa se mokgatlho oo o se dirileng se supa fa ba na le mowa wa boipelego, o a tlhalositseng o ka thusa go godisa le go isa Masunga golo gongwe. 

O ne a tlatsa ka go re mpho eo e tlaa thusa gape go nonontsha baithuti go nna babusi ba kamoso ba ba nang le boikarabelo.

O ne a bo a gwetlha ba-na-le seabe botlhe mo thutong ya bana go nna le mowa wa tshwaragano, ka e le one makgonatsotlhe mo katlegong ya maitlamo a bone.

Fa a ema baithuti ka lefoko, Kgosi Maruje III o ne a ba gakolola gore ba lemoge botlhokwa jwa bokamoso jwa bone, a re gape ba tshwanetse ba lemoga fa ditlhatlhobo tsa bone di le gaufi, mme ba tlamega go ipaakanya ka gotlhe mo ba ka go kgonang.

Kgosi Maruje III a re go atlega ga bone mo dithutong go ka ba thusa go fetola matshelo a bone gammogo le lefatshe leno. 

gosi o bile a kgala a sa kgwe mathe bagolo ba ba nang le mokgwa wa go dirisa bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase mo go tsa tlhakanelo dikobo.

Ka moo, o ne a gwetlha bana go ikela tlhoko le go bulega ditlhaloganyo gore ba kgone go itse le go bega ditiragalo tse di bosula.

Leloko la mokgatlho oo, Mme Gladys Muyenzelwa o ne a supa fa o tlhamilwe ka 2015, mme mo nakong eno o na le maloko a le masome mane le boferabobedi.

Mme Muyenzelwa a re keletso ya bone ke go simolodisa tshwaragano le sekole sa Masunga, ka fa tlase ga lenaneo la ‘Adopt a School’.

Mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Masunga, Mme Onalenna Mfuma le ene fela jalo o ne a akgola ba mokgatlho wa Ekentolo-Mavenge, a re go supa fa ba tsaya tsia tsetlana ya itshireletso kgatlhanong le kanamo ya mogare.

Mme Mfuma a re ba tlaa netefatsa gore ba tswelela ba rotloetsa baithuti go rwala dithiba molomo le dinko tseo le gore ba ba di abetsweng ba di somarele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Potsolotso

Date : 23 Jun 2020