Breaking News

Go tlhoka di mask go ka kotlometsa maikutlo a baithuti

23 Jun 2020

Mogolwane go tswa mo ofising ya mosireletsi  mo Tsabong mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa Rre Keabetswe Kole a re go tlhoka go rwala dipipa molomo le dinko go ka kgoreletsa baithuti go phuthologa ba ithuta sentle mo nakong eno ya segajaja sa COVID-19 ka ba ka felela ba kotlomela maikutlo, bogolo jang mo dikoleng tse dipotlana.

Rre Kole o buile mafoko a ka Mosupologo jaaka ba ne ba abela baithuti di dipipa molomo mo sekoleng se sebotlana sa Tsabong jaaka dikole di ne di  bulwa morago ga go tswalwa  fa e sale go tlhagoga ga mogare wa corona.

O tlhalositse gore  jaaka maphata a mangwe le bone ba ne ba bona go le botlhokwa go tsenya letsogo mo ntweng ya go lwantsha seru se se wetseng lefatshe ka bophara mme ba tswa ka mogopolo wa go tsibogela seemo seo ka go abela bana dipipa melomo le dinko ka batsadi bangwe ba sa kgone go rekela bana.

A re e re ka jaana ba botsogo ba gakolotse setshaba go sala morago ditsetlana tsa thibelo mogare wa corona, mongwe le mongwe o tshwanentse go nna le seabe mo go netefatseng gore seo se a diragadiwa, bogolo jang mo dikoleng go thusa gore bana ba felele ba tshwana ka go rwala dipipa molomo le dinko gore yo mongwe a seka a iphitlhela a farologana le bangwe ka gore bangwe ba kgona go felela le sekole ba se tshaba.

Rre Kole a re ba ne ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo go ntsha bonnyennyane e le badiri ba ofisi ya mosireletsi ba ba leng lesome mme ba kokoanya madi P600 a e leng one a ba kgontshitseng go reka di mask tse di masome a mane go di abela sekole se sebotlana sa Tsabong go neela bana ba ba nang le letlhoko le le ntsi.

Fa a abela baithuti dipipa molomo, moeteledipele go tswa mo ofising ya Mosireletsi mo Tsabong, Mme Cathrine Mangenela, o ne a supa fa ba ne ba abela bana go supa mowa wa kutlwelobotlhoko le lorato le gone go rotloetsa baithuti go tshwara ka thata mo dithutong.

Mme Mangenela o ne a tlhalosa fa ofisi ya mosireletsi e butswe semmuso ngwaga o o fetileng e e leng yone thusang setshaba ka dikgang tse di amang puso kana dikhampane kana motho ope fela go di sekaseka le go tswa ka ditharabololo tsa tsone. 

Fa a amogela dimpho tseo mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tsabong, Rre Archie Seane o ne a leboga ba ofisi ya Mosireletsi, a supa fa di tsile ka nako e e maleba ya segajaja sa COVID-19  ka jaana botlhe ba tshwanelwa ke go diragatsa dikgakololo tsa ba botsogo ka go rwala  dipipa molomo le dinko botlhe go thibela mogare wa corona.

Mogokgo o ne a supa fa sekole seo e le sone se se nang le palo e ntsi ya  baithuti ba ba leng makgolo a supa, masome a fera bongwe le bosupa go simolola ka mophato wa tshipidi go ema ka wa bosupa. 

O ne a supa  gape gore ba setse ba le malala a laotswe go ipaakanyetsa ditsetlana tsa botsogo tsa COVID-19 le gone go tlhomamisa gore a di diragadiwa ka fa go tshwanetseng ka teng.

Rre Seane  a re le ntswa baithuti ba kgoreleditswe ke seemo sa mogare wa corona, maikaelelo ke gore ba dire ka gotlhe ka fa ba ka kgonang ka teng go netefatsa gore maduo a lokwalo lwa bosupa ke a a itumedisang mo ngwageng ono  ka tshwaragano ya batsadi le barutabana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Kabo dimpho

Date : 23 Jun 2020