Tautona o tshedisa boora Manyepetsa
22 Jun 2020
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o phaketse a ile go gomotsa ba lolwapa lo oora Manyepetsa mo Gaborone, morago ga go latlhegelwa ke motsadi wa bone, Rre Masedi Manyepetsa.
Rre Manyepetsa, yo eleng rre rraagwe mothusa ratoropo wa Gaborone Rre Lotty Manyepetsa, o tlhokafetse kgwedi eno e le lesome le bosupa morago ga go tlhoka go tsoga.
Jaaka lefatshe le le mo nakong e e thata ya Covid-19, Tautona Masisi o gateletse botlhokwa jwa go sala morago ditaelo tsa ba botsogo ka jaana bolwetsi jo bo le borai.
Dr Masisi o gakolotse gore mongwe le mongwe a iphaphe mo boraing jwa bolwetsi jo, a tlhalosa gore le fa go kokoanwe e le mo dinakong tsa tlholego jaaka loso, batho ba gakologelwe go sala ditaelo tse di beilweng tsa botsogo go itshireletsa.
O rotloeditse mongwe le mongwe go fa ba losika sebaka sa go buledisa motsadi wa bone, a supa fa dinako tsa gompieno di sa letle gotlhelele gore mongwe le mongwe yo eletsang go ya phitlhong o ka nna karolo ya tirelo eo.
Tautona o ne a patilwe ke mohumagdi wa gagwe, Mme Neo Masisi le bagolwane ba puso. Rre Manyepetsa o tla bolokwa kgwedi eno e le masome mabedi le botlhano, mo Gaborone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : GABORONE
Event : matshidiso
Date : 22 Jun 2020