Monana o mekamekana le dikgwetlho
22 Jun 2020
E re ka mafatshe ka bophara a itebagantse le go lwantsha kanamo ya bolwetse jwa COVID-19, bangwe bagwebi ba ba botlana bone seemo se ba ne ba se amogela e le sebaka sa go fetola dikgwebo tsa bone le di tsamaiso.
Go tswalwa ga melelwane mo Botswana go ne ga gwetlha puso go ithusa ka di-tsa mo gae, go rotloetsa balemi le dikhamphani tsa mo gae, go jesa le go tlamela lefatshe ka tse di tlhokegang.
Se, se ne sa baka koketsego ya dikhamphani tsa banana mo gae, tse di rekisang disireletsa melomo le dibolaya mogare.
Mme Onneile Ngakane yo e leng mogwebi yo mmotlana, o boleletse BOPA fa kgwebo ya gagwe e lebanwe ke dikgwetlho ntateng ya go tlhagoga ga mogare le kiletso mesepele.
Mme Ngakane ke mookamedi wa khamphani ya Purpose Signatures, kwa Tsamaya, e e itebagantseng le go dira ditlolo tsa go intlafatsa.
A re o simolotse kgwebo ka 2019 mme e ne e dira sentle pele ga go tlhagogo ya mogare wa corona ka a ne a rotloediwa ke ba diotele le dikhamphani tse dingwe.
A re metswako ya go dira ditlolo le dibolaya mogare, o ne a di reka kwa Afrika Borwa mme e rile go tlhagogeng ga COVID-19 le go tswalwa ga melelwane, a tlhoka kwa a ka rekang metswako teng.
“Ga ke kgone go ka ya go reka metswako kwa Afrika Borwa ka gore le yone teseletso ya motsamao e a sokodisa,” Mme Ngakane a tlhalosa.
Mme Ngakane a re o ne a tlamega go ya go tsena dithuto kwa go ba khamphani ya Hannah, a ithuta go dira disireletsa melomo le dibolaya mogare tse di tlhomamisitsweng ke ba Botswana Bureau of Standards. A re o ne a gwetlhega go tlamela batho ba Francistown le metse e e mabapi ka tse di neng di tlhokega.
A re kgwebo ya gagwe ka e ne e aperwe ke dikgwetlho ntateng ya COVID-19, go rekisa tse neng di tlhokafala thata jaaka disireletsa melomo go ne ga tokafatsa seemo.BOPA
Source : BOPA
Author : Keneilwe Ramphotho
Location : FRANCISTOWN
Event : Potsolotso
Date : 22 Jun 2020