Go katisa dipitse go alosa Blackie
22 Jun 2020
Rre Rebagamang Blackie yo o dingwaga di masome matlhano le bone wa Malatswae mo kgaolong ya legare ke setswerere sa go katisa dipitse.
Rre Blackie a re o rata leruo bobe ka a kile a disa ka lobaka.
O tlhaloseditse BOPA fa a bapetse dikgomo ka go katisa dipitse.
Rre Blackie a re fa a katisetsa motho, o lopa go duelwa ka kgomo mme o setse a bapetse di utlwala.
A re go katisa pitse ga go bonolo e bile ga go dirwe ke mongwe le mongwe.
A re o disa dikgomo tsa gagwe le dihutshane tse tsone a di bapetseng ka go disetsa barui.
Rre Blackie o boletse fa ka 1999 a ne a disetsa malomaagwe yo a neng a mo leboga ka kgomo mo ngwageng.
A re ga a ise a bereke tiro epe kwa ntle ga go katisa dipitse le go disa.
O boletse fa dingwe tsa dipodi tsa gagwe a di bapetse ka go rathola bojalwa jwa Setswana jo ka nako tsa maloba bo neng bo nowa thata ke matlhogoputswa.
A re bangwe ba ne ba reka mo go ene go dira molaletsa fa ba na le tiro kwa masimo, mme ba bitse morafe go tla go thusa ba sielwa bojalwa.
Rre Blackie gape ke mosugi wa matlalo go dira ditlhako tsa dirampeetshane, dihutshe, mabante le ditilo. BOPA
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MALATSWAI
Event : Potsolotso
Date : 22 Jun 2020