Gaborone Rotary Club e aba dikobo
22 Jun 2020
Mokgatlho wa Gaborone Rotary Club o abile dikobo di le masome a robabongwe tsa madi a a ka tshwarang P7 200 kwa Diphuduhudu mo kgaolong ya Kweneng ka Matlhatso.
Fa a amogela baeng, mokhanselara wa Ngware/Diphuduhudu, Mme Ompeetse Legae o ne a supa fa ba itumeletse dimpho tseo.
Moeteledi wa mokgatlho oo, Rre Casmir Jongman o ne a supa fa ba itlamile go direla setshaba, a supa fa ba lebelela kwa go nang le letlhoko teng mme ba thuse.
Rre Jongman o supile fa go na le ditiro di le dintsi tse ba di dirileng mo Botswana jaaka go rekela ba-na-le bogole dikolotsana tse ba di dirisang ba dirisana le ba boipelego.
O tlhalositse fa ba na le tiro e ba tlaa e simolodisang kwa Old Naledi kwa Gaborone.
A re ba ne ba dirisana le ba mokgatlho wa Afrika Borwa go reka dikobo tseo, a tlhalosa fa go ne go se motlhofo go dira jalo ka ntlha ya bolwetse jwa COVID-19 jo bo tsweletseng ka go anama le go bolaya batho mo mafatsheng.
Rre Jongman o ne a tswelela a supa fa ba dumela gore dikobo tseo di tlaa dirisiwa e seng go rekisiwa jaaka bangwe ba a tle ba dire, a bo a tlhalosa fa ba tlaa boela kwa motseng oo go tla go bona gore ba ka ba direla eng se se ka ba direlang letseno. Mo godimo ga dikobo tseo, mokgatlho oo o ne wa aba diaparo le didirisiwa tsa bana tsa metshameko.
Mo malebong a gagwe, modulasetilo wa khansele- potlana ya Letlhakeng, e bile e le mokhanselara wa Mantshwabisi/Serinane, o ne a lebogela mokgatlho oo dimpho tse ba di ba fileng, a supa fa kgaolo eo e na le letlhoko le le ntsi le ntswa khansele e leka go le fokotsa.
O kopile ba ba sa abelwang go re ba seka ba ngala mme ba lebogele gore bo morwa rraabone ba filwe. BOPA
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : DIPHUDUHUDU
Event : Kabo dimpho
Date : 22 Jun 2020