Bogodu jwa megala ya letheka bo a kekela
22 Jun 2020
Mapodisi a re a tshwenngwa ke bogodu jo bo ileng magoletsa jwa go phamolela batho megala ya letheka kwa mapalamelong a dibase.
Mo potsolotsong bosheng, mookamela mapodisi a Mahalapye Legare, Superintendent Boitshepo Mudongo o tlhalositse fa bogodu jo, bo tsweletse ka go golela pele.
Supt Mudongo o supile fa ba tshwenngwa gape ke batho bangwe ba ba santseng ba tsweletse ka go amogwa madi ke magodu ka boferefere.
A re selo se le sone se a ba tshwenya ka gore ba dirile maiteko a mantsi go tsibosa setshaba ka methale e ya borukutlhi.
O kopile setshaba go nna kelotlhoko le go emisa go tshepha mongwe le mongwe yo ba kopanang le ene, bogolo jang fa a ba tshephisa go ba ntsifaletsa madi kgotsa ba ba ja ka leleme ba re o ka ba porofita. A re boferefere jo ke nngwe ya methale e magodu a e dirisang go utswela batho madi bonolo. BOPA
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 22 Jun 2020