Mothusa Tautona o isa matshediso
22 Jun 2020
Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane o kgothaditse ba lelwapa la mokhanselara yo o tlhokafetseng go gomotsega le go ikaega ka Modimo mo dinakong tse di thata.
Rre Tsogwane o buile jaana fa a isitse molaetsa wa matshediso kwa lelwapeng la ga Rre Kagiso Oduetse kwa Tamasane mo boemong jwa ga Tautona Mokgweetsi Masisi.
Rre Oduetse, yo e neng e le mokhanselara wa Tamasane mo kgaolong ya Mmadinare wa phathi ya Domkrag, o tlhokafetse beke e e fetileng morago ga go lwala ka bokhutshwane.
Mo molaetseng wa kgomotso Rre Tsogwane o ne a tlholosa fa Tautona Masisi a mo romile go mo emela ka jaana a tshwerwe ke ditiro tse dingwe tsa puso.
O boleletse ba lelwapa leo fa go sa latlhegelwa bone fela mme go latlhegetswe batho ba kgaolo ya Mmadinare le setshaba sotlhe.
O ne a tlhalosa fa kgwetlho e tona e le gone gore Rre Oduetse o tlhokafala jaana ka nako e go ilediwang go kgobokana ga batho e le tsela nngwe ya go kganela kanamo ya bolwetse jwa COVID-19, ka jalo ba tshwanetse go sala ditaelo tsa ba botsogo morago.
Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa Mmadinare, Rre Molebatsi Molebatsi o ne a lebogela Tautona Masisi le Rre Tsogwane gore ba bo ba bone go tshwanela go ba gomotsa le go ema le bone mo kutlobotlhokong.
Rre Molebatsi o ne a supa fa ba ne ba solofetse go le gontsi mo go Rre Oduetse, ka jaana e ne e le motho yo o neng a le tlhaga mo tirong e bile a sa rate tshenyetso setshaba.
“Ke maswabi go bo Rre Oduetse a tsamaile mo lebakeng le le khutshwane jaana e le mokhanselara,” ga tlhalosa Rre Molebatsi.
Kgosi Roman Mpule wa Tamasane, le ene o ne a supa fa a latlhegetswe ka a ne a solofetse go le gontsi mo go Rre Oduetse ka jaana a ne a beile mo go ene go isa ditlhabololo kwa motseng. BOPA
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Tekolo
Date : 22 Jun 2020