Breaking News

Kgafela o kgala sogwasogwane

22 Jun 2020

Tona wa  lephata la dikago le tlhabololo matlo, Rre Mmusi Kgafela, o gwetlhile setshaba go nna matlho a puso go tlhomamisa gore boradikonteraka ga ba dirise didirisiwa tsa kago tsa boleng jo bo kwa tlase ka go dira jalo ke go ja puso ntsoma.

O buile jalo bosheng, mo puisanyong le BOPA, morago ga loeto lwa gagwe lwa malatsi a mabedi kwa Kgalagadi Bokone jaaka a ne a etetse Hukuntsi, Lehututu le Kang go lekola dikago tsa puso.

Mo loetong loo, Rre Kgafela o ne a etela ofisi ya matlotlo a puso, matlo a SHHA, dikago tsa lephata la twantsho borukutlhi jwa diphologolo, le Lehututu Integrated Poverty Alleviation and Housing Project(LIPAHP) e le nngwe ya ditiro tse di ka fa  tlase ga lephatha la gagwe.

Rre Kgafela o ne a lebogela seemo sa dikago tseo, ka jaana tiro e e dirilweng mo go tsone e le ya ma-tswa diatleng, mme e bile go dirisitswe didirisiwa tse di nang le boleng.

O ne a re o tshwenngwa ke gore mo mafelong mangwe boradikonteraka bangwe ba dirisa didiriswa tsa boleng jo bo kwa tlase, mme a re lephata le tsentse seemo seo leitlho go netefatsa gore ba fedisa mokgwa o.

A re lephata le tlaa netefatsa gore didirisiwa tsa boleng jo bo kwa tlase ga di nne teng mo marekisetsong e,bile ga di letlelelwe go tsena ka dikgoro tsa melelwane.

Rre Kgafela a re go botlhokwa gore ditirelo e nne tsa sennela ruri go na le go dirwa sogwasogwane fela mme puso e dirisa madi a mantsi mo ditirelong tseo.

Fa a ema babereki ba LIPAHP ka lefoko, o ne a ba rotloetsa go itoma melomo ya tlase le ntswa ba lebanwe ke kgwetlho ya letseno le le kwa tlase, go thusa lephata  go kgona maitlamo a go thusa go lwantsha letlhoko la boroko mo go ba ba ’kobo dikhutshwane.     

O ne a ba solofetsa gape fa lephata le tlaa dira ditsamaiso tsa go rotloetsa maphata a puso go tlhomamisa gore ditirelo tsotlhe tsa dikago tsa puso mo Kgalagadi Bokone go rekwe kwa go bone gore ba kgone go itshetlela.

Fa a tswa la gagwe, motlhokomedi wa dikago wa SHHA mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone, Rre Malarky Keareng, o ne a tlhalosa fa ba filwe tiro ya go aga matlo a le lesome le botlhano go simolola ka Sedimonthole ngogola mme ba setse ba kgonne go wetsa a le mane a  a lopileng P136 000 go ya kwa go P150 000.

Le fa go ntse jalo, Rre Keareng a re ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya metsi, letlhoko la didiriswa tsa kago mo kgaolong mo ba felelang ba di latela bokgakala kwa Gaborone.

Rre Keareng o ne a supa gape gore baikopedi bangwe ga ba diragatse ditirelo di tshwana le kgokelo ya metsi le motlakase ka jaana ditirelo tseo di tlama moikopedi gore a bo di le teng pele ga tiro e ka simolodisiwa.

O ne a tlatsa ka go re ba itemogetse gape fa bangwe ba felela ba phuaganya ditsha di sa tlhabololwa, selo se se bakwang ke tiego ya go thusiwa.

Fa a tswa la yo o thusitsweng, Mme Nonofo Radira o ne a supa fa a itumeletse gore o kgonne go agelwa le ntswa a sa bolo go iteka lesego ka 2010.

A re o thusitswe ka P90 000.

 

Fa a ba kgwa dikgaba, Tona Kgafela o ne tshwaela fa lephata le tlaa itshekatsheka go bona gore ba fefosa dikopo mme a tlatsa ka go rotloetsa ba ba thusitsweng go netefatsa gore ba a duela gore puso e kgone go atolosetsa lenananeo kwa go ba bangwe. BOPA

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : HUKUNTSI/KANG

Event : Puisano

Date : 22 Jun 2020