Dipaakanyo tsa dijo di tsweletse
21 Jun 2020
Mogolwane wa lephata la boipelego kwa Boteti, Mme Mmoni Makobye a re dipaakanyo tsa legato la bobedi la go thusa setshaba ka dijo morago ga kiletso mesepele go thibelo bolweletsi jwa COVID-19 di tsweletse.
O tlhalositse jaana bosheng fa a rolela phuthego ya khansele- potlana ya Boteti lenaneo la go simolodisa legato la bobedi la go aba dijo.
A re thulaganyo e, e ya go dirwa ke modiri wa boipelego a tshwaragane le bogogi jwa motse bo akaretsa kgosi, mokhanselara le VDC.
Mme Mokobye o supile fa go se nke go dirwa ditshekatsheko sesha, go tlaa tlhotlhwa maduo a ditshekatsheko tse di fetileng ka bangwe ba ba neng ba thusitswe la ntlha ba senke ba a mo legatong la la gompieno.
O tlhalositse fa go tlaa thusiwa ba ba sa berekeng gotlhelele mme fa go ka tlhagoga dingwe diemo, di tlaa rarabololwa ka fa go tshwanetseng ka teng.
Mme Makobye o supile fa gompieno go tlaa seke go rekwe dijo, ba ba thusiwang ba tlaa fiwa dipampitshana go ithekela dijo ka tsone.
A re pampitshana e tlaa bo e na le tlhwatlhwa go itsa tsietso e bile ba boipelego ba tlaa tsenya leitlho go tlhomamisa gore batho ba reka go ya ka tsamaiso.
Ka bontsi bo na le megala ya lotheka, Mme Makobye a re ba tlaa e dirisa go romela melaetsa e e supang gore motho o atlegile kana ga a atlegaga mme ba ba senang megala ba tlaa latelwa kwa malwapeng.
A re ba tlaa letsa ba tlhola gore a seemo sa lelwapa ga se a fetoga.
Mme Makobye a re tsholofelo ke gore fa Phukwi a rogwa batho ba bo ba setse ba bone dipampiri tsa bone tsa theko.
Makhanselara ba ne ba supa fa legato la bobedi le ya go tlogela kwa ntle Batswana ba le bantsi ba dikgwebo tse dipotlana tse di sa direng madi, segolo jang kwa metsaneng.
Mokhanselara wa Makalamabedi/Motopi, Rre Onkhuparetse Monnaatsie a re thulaganyo ya bobedi ya go thusa ka dijo e kgaphetse batho kwa ntle, a supa fa ba ba tshelang ka ditiro tsa nakwana le ba ba ntseng ba tshela ka Ipelegeng e ya go nna selelo le khuranyo ya meno.
Rre Monnaatsie o boditse gore ditlhtlhwa di ne di bewa go lebilwe eng ka gore dikgaolo ga di tshwane.
Mokhanselara wa Letlhakane Borwa, Rre Aaron Baitsimang a re batho ba ba kwa merakeng bangwe ba bone ba ba neng ba tshela ka go rekisa majalwa a a dirwang mo malwapeng ba akarediwa mo legatong la bobedi.
Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Otsile Mmatlakgomo o kaile fa go sa akarediwa bontsi, a tlhalosa fa batho ba bantsi ba ba nnang kwa merakeng le dipolase ba sa bereke.
Mokhanselara wa Mokubilo/Mmea, Rre Kemoiponetse Kelathegile o kopile gore go sekasekwe sentle, go lejwe mabaka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : LETLHAKANE
Event : phuthego ya khansele- potlana
Date : 21 Jun 2020