Breaking News

Makeshani wa Malatswai setswerere se se tumileng

21 Jun 2020

 Setswana se se reng mosadi tshwene o jewa mabogo le se se reng mosadi thari ya setshaba, se tlhalosa Mme Dikeledi Makeshani (63) mo phatleng. 

Mme Makeshani wa Malatswae kwa kgaolong ya Serowe Bophirima ke setswerere se se tumileng ka go kgabisa matlo ka mokgapho.

E ne ya re babega dikgang ba BOPA ba etetse Malatswae bosheng, ba kgatlhwa leitlho ke lelwapa le matlo a gagwe a a kgaphilweng ka botswerere jo bo kwa godimo.

Bontle jwa one ga se jo mohiti le tsela a ka fetang ntle le go ema motsotsonyana, a jesa matlho monate.

Malwapana a gagwe a dililwe ka mebu e e mebalabala, lengwe la malwapana e kare mebala ya dikole tse di kgolwaneng mo Botswana.

Se sengwe se se kgatlhang bobe ke ka fa ditlhare tsa meriti di diretsweng mekatako e e kgaphilweng ka matsetseleko ka teng, go supa sentle fa motho a tsere nako ya gagwe.

Mme Makeshani a re kitso e o e amule mo go nkukuagwe a sale mo botshelong, a bolela fa e ne e le mme wa seithati.

A re o ne a kgatlhega mme a bona gore kitso ya ga nkukuagwe ga e a tshwanela go nyelela, e tekele kwa dikokomaneng.

Kitso e, e thusitse Mme Makeshani mo dinakong tsa lenyora le tlala.

O boletse fa khutsanyana e go tweng COVID-19 e emisitse tiro ya gagwe ka jaanong a sa tlhole a dira sepe ka gore metsamao le go atumalana go tshwanetse go laolwa, go thibela kanamo ya bolwetse.

A re o kile a bo a ipoa kgoboaboe mo dikgaisanong tsa letsatsi la ga Tautona, a nna a tsere maemo a ntlha mme seo se mo thusa go itshetsa le bana ba gagwe.

Mme Makeshani a re ka jaanong se se eme, o a sokola ka ga a bereke, mme o na le bana le dikokomane di le 9.

O boletse fa talente ya gagwe e ne e mo tlodisa dinokana ka a ne a kgona go ijesa dimotamolomo fa a se na go gaisa bomme ba ba bangwe.

Mme Makeshani o boletse fa bana ba gagwe go bereka a le mongwe le ntswa bangwe ba bone ba iteilwe seatla.

A re o ntse a tshwaratshwara mo Ipelegeng mme jaanong e hetogile e sa dire jaaka pele fa e sa le COVID-19.

O boletse fa a tsaya mebu ya lekgapho kwa Letlhakane, Mmei le Mmashoro mme jaanong malatsi ano go thata go e latela.

Mme Makeshani yo o sa tsewang, o itshokolela le bana ba gagwe a re o lekile go ngoka bomme ba Malatswae go bopa setlhopha gore ba dire mmogo mme a re ba kgobega marapo fa dilo di sa tsamae sentle.

A re lelwapa le le kgaphilweng le nna phepa, le nna le seriti e bile le kgatlha le batho tota ba lemoga fa go nna seithati. 

 

Fa a bodiwa ka go inaakanya le mananeo a itshetso a puso jaaka nyeletso lehuma, o boletse fa a kile a fiwa dipudi mme tsa jewa ke bophokoje fa tse dingwe di ne tsa utswiwa jaanong a setse ka e le nngwefela. BOPA

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : MALATSWAI

Event : Potsolotso

Date : 21 Jun 2020