Moeteledipele o kopa dikereke tsa semoya go ema puso nokeng
21 Jun 2020
Moeteledipele wa dikereke tsa semoya, Rre Phillimon Motlhagodi o rotloeditse dikereke tsa semoya go ema puso nokeng mo ntweng kgatlhanong le kanamo ya mogare wa corona.
Fa a buisa baruti le boeteledipele jwa dikereke tsa semoya kwa kgaolong-potlana ya Mahalapye ka Labone, Rre Motlhagodi o tlhalositse fa a dule letsholo go tlhola dikereke tsa semoya, go netefatsa gore di diragatsa ditaelo tsa ba botsogo kwa dikerekeng go kganela kanamo ya mogare wa corona.
Rre Motlhagodi o akgotse Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi, khuduthamaga ya gagwe gammogo le lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go lwantsha kanamo ya mogare wa corona, maiteko a bone go lwantsha kanamo ya mogare wa corona mo lefatsheng leno.
“Re a bona re le dikereke gore mogare wa corona o tsere taolo. Ka jalo, boeteledipele jwa lefatshe gammogo le ba botsogo ga ba kake ba kgona ntwa kgatlhanong le kanamo ya mogare ba le nosi.
Re tshwanetse ra lemoga maiteko a bone, ra tsiboga ka fa re kgonang ka teng go ema puso nokeng,” Rre Motlhagodi a supa.
O rotloeditse baruti go rapelela boeteledipele jwa lefatshe, badirelapuso, bogolo jang ba tsa botsogo le babegadikgang a re bodiredi jo, bo tshwanetse jwa akgolelwa ditiro tsa bone tse di ka nnang tsa ba tsenya mo diphatseng ka ba intshitse setlhabelo go babalela setshaba kgatlhanong le mogare wa corona.
“Mo godimo ga moo, re tshwanetse ra rurifatsa gore ka dinako tsotlhe fa re kopane re le dikereke, go na le ditsayamegote, molora le metsi a a tlhapang diatla kgotsa sanitisers, dibukana tse dikwalelang maina, megala le mogote wa maloko ga mmogo le go netefatsa gore re katologana ka mmithara o le mongwe kgotsa go feta fa re le mo kerekeng,” Rre Motlhagodi a tlhalosa.
O kopile baruti gore ba tlhodumele dikereke tse ba di eteletseng pele go netefatsa gore di obamela ditaelo tsa botsogo, a re o utlwaletse gore dikereke dingwe di a tsena ntle le go phepafatsa dikago mo go tseneletseng jaaka fa ba botsogo ba gokalotse.
A re go dira jalo ga se tsamaiso ka go ka tsenya matshelo a maloko mo diphatseng.
Rre Motlhagodi, yo gape e leng modulasetilo wa Botswana Network of Christian Community, o kopile a bo a rotloetsa maloko a dikereke tsa semoya mo Botswana gore ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le masome a mabedi le borobabobedi ba itime dijo mme ba tsene mo thapelong kgatlhanong le mogare wa corona le dikgwetlho tse di aparetseng lefatshe leno. BOPA
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya khansele- potlana
Date : 21 Jun 2020