Breaking News

Ba WUC ba tsweletse ka mowa wa kutlwelobotlhoko

21 Jun 2020

E re le ntswa koporase ya metsi ya Water Utilities (WUC) e tshwaragane le namane e tona ya tiro ya go siela setshaba metsi, fela go a itumedisa go bo e santse e ngaparetse mowa wa yone wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

Koporasi eo, e rurifaditse seo kgwedi eno e le lesome le boferabongwe jaaka ba lekalana la Masunga ba ne ba abela Mme Gaolathe Mokgacha, wa mo-na-le bogole, wa Vukwi mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, ntlo ya dikamore tse pedi, e gokeletswe motlakase le metsi ga mmogo le didirisiwa tse dingwe tsa mo ntlong, tse di lopileng P104 000.

Fa a rolela Mme Mokgacha dimpho tseo, mogolwane wa kompone, a lebagane le ditirelo tsa lekalana leo, a direla kwa Gaborone, Rre Matthew Sebina o ne a re go botlhokwa gore makalana le batho ka bongwe ka bongwe e re ba lemoga botlhoki golo gongwe ba tsiboge go thusa.

A re e le ba WUC, ba ititeile dihuba go tswelela ka go tsenya letsogo mo go fetoleng seemo le go dira pharologanyo mo matshelong a setshaba se ba direlang mo go sone, a bolela fa e se lekgetho la ntlha koporase eo e dira tiro ya go nna jalo.

Rre Sebina a supile fa ntlo eo, e neng e abelwa Mme Mokgacha e le ya boferabobedi go abiwa ke WUC lefatshe leno ka bophara, mme e le ya bobedi mo kgaolong ya Bokone Botlhaba.

O ne a galaletsa badiri ba WUC, a re le fa ba tshwere phage ka mangana go leka go siela batho metsi, ka fa letlhakoreng le lengwe ga ba ke ba tlhoka go diragatsa maitlamo a bone a go abela setshaba sengwe.

Ka jalo mogolwane o ne a ba gwetlha gore ba seka ba lapa pelo ka gope, mme ba tswelele le mosepele wa bone go ya go ileng.

Fa a lebisa mafoko kwa go Mme Mokgacha, yo o dingwaga tse di masome a mararo le bobedi, e bile a na le bana ba le bararo, Rre Sebina o ne a mo tlhaba podi matseba go ikela tlhoko mo bangweng ba ba ka tlang ka maikaelelo a go mo tsietsa, ba leka go mo amoga ntlo eo.

A re a itse fa mpho eo, e le boswa jwa bana jo a tshwanelwang ke go bo tlhokomela, a tlatsa ka go re Mme Mokgacha o tshwanetse a nna le dikakanyo dingwe tsa go leka go tlhabolola fa a bonang go tlhokafala teng.

Go sale foo, Rre Sebina o ne a gwetlha setshaba go netefatsa gore ba somarela metsi ka dinako tsotlhe, ba itse fa e le one botshelo jwa motho.

Mo tekodisong ya gagwe, modulasetilo wa komiti ya WUC e e itebagantseng le matshelo a batho mo Masunga, Rre Percy Aabobe o ne a supa boitumelo, a re e sale komiti ya gagwe e tsena mo ofising ba kgonne go diragatsa ditiro tsotlhe tse ba neng ba di akantse.

O ne a bolela fa bonnyennyane jo bo abelwang makalana a WUC go tswa kwa ofising kgolo go diragatsa ditiro tsa bopelotlhomogi, komiti e tshwanelwa ke go dira gotlhe go leka go bo oketsa gore e kgone maitlamo a yone.

Rre Aabobe a re ka jalo o itumelela go bo komiti ya gagwe e kgona seo ka ntlha ya tshwaragano le go dira ba eteleditse kwa pele mowa wa boithaopo.

Fa a amogela dimpho tseo, Mme Mokgacha o ne a supa fa a itumeletse tiro e ntle e a e diretsweng ke ba WUC, a tshepisa fa a tlaa tlhokomela ntlo eo go feta selekanyo.

 

Bangwe ba ba neng ba le teng kwa tholong eo ke kgosi ya Vukwi, Kgosi Kedibonye Mabutho, Mothusa molaodi wa kgaolo Rre Gotewang Senwedi le mokhanselara wa Masunga Rre Edward Gazageni, ba ba neng ba rolela hutshe tiro e ba WUC ba tsweletseng ka go e dira. BOPA

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : DUKWI

Event : Potsolotso

Date : 21 Jun 2020