A melemo e nowe ka nako
21 Jun 2020
Mogolwane wa tsa melemo kwa kokelong ya Princess Marina, Rre Christopher Makgopa o kopile balwetse go nwa melemo ka nako.
Mo potsolosong bosheng, Rre Makgopa o tlhalositse fa go le botlhokwa go nwa melemo kgotsa dipilisi ka nako e e beilweng, a tlatsa ka go re batho ka bontsi ga ba tlhaloganye mosola wa go nwa melemo ka nako.
A re go tlhoka go dira jalo go busetsa maiteko a kalafi kwa morago.
A re bontsi jwa batho ba nwa melemo go simologa mo mosong, mme maitseboa ba bo ba emisitse, a re seo se borai ka gore ba nna bosigo jotlhe ba sa nwe melemo.
A re fa motho a tshwanetse go nwa melemo ga raro ka letsatsi, go raya gore molwetse a kgaoganye dinako tsa bosigo le motshegare (dioura tse 24) ga raro, mme anwe ka dinako tse di lekanang ka go katologana.
Rre Makgopa a re ke ka moo balwetse ba ba robaditsweng kwa kokelong ba tsosiwang bosigo go nwa molemo, go na le gore ba nwe letsatsi le tlhabile fela.
O ne a tlhalosa gore fa molwetse a tlhatlaganyetsa go nwa melemo, e palelwa ke go dira tiro ka botlalo, mme e bile e ka nna borai mo botsogong jwa gagwe.
Rre Makgopa o ne a kopa balwetse gore e re ba fiwa melemo kgotsa dipilisi, ba kope gore ba thusiwe gore ba ka dinwa leng go lebeletswe gore bangwe ba ya go di simolola maitseboa, phakela kana motshegare.
O ne a kopa balwetse go ikaela ba bongaka mabapi le dipilisi kana melemo e e sa ba tseeng sentle, a tlatsa ka go re bangwe ba na le go tsaya dipilisi kana melemo e e sa ba tseyeng sentle mme ba seke ba e dirise.
A re moo go borai ka bolwetse jone bo a kekela.
A re fa melemo e sa tsee molwetse sentle, go na le kgonagalo ya gore a fetolelwe.
Rre Makgopa a re ke maikarabelo a molwetse go tsaya tsia makoa a gagwe, gore ba a fola ka go nwa melemo sentle ka dinako tse di maleba.
O ne gape a kopa balwetse go fetsa melemo e ba e filweng e seng go e tlogela fa ba ikutlwa botoka.
A re seo se baka gore modi wa bolwetse o seka wa swa, mme bo nne bo boelele kgapetsakgapetsa. BOPA
Source : BOPA
Author : Lesedi Thatayamodimo
Location : GABORONE
Event : Potsolotso
Date : 21 Jun 2020