Dikoloti o lekola dikole
21 Jun 2020
Mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang a re o go a nametsa go bona dipaakanyo tse di dirilweng go lwantsha go anama ga bolwetse jwa COVID-19 ka dikole di le mo seemong se se itumedisang.
Rre Edwin Dikoloti, yo gape e leng tona wa tlhabololo temo-thuo le dijo, o buile jaana ka Labotlhano mo letsholong la gagwe la go lekola dikole tse di mo kgaolong ya gagwe ka fa di tsweletseng ka teng go ipaakanyetsa go bulwa ga tsone gompieno.
Rre Dikoloti o ne gape a abela dikole tseo dikobo, mesangwana ya basetsana le di mask.
O tlhalositse fa dipaakanyo tse di setseng di dirilwe di siametse go ka amogela bana ba dikole tse dikgolwane tsa Chichi kwa Molapowabojang, Nthwalang kwa Digawana le sa Mmathethe.
Dingwe tsa dipaakanyo di akaretsa go baya metsi a a tlhapang diatla a tlhakane le molora e bile a le bothitho, go kwala maina le go tsewa mogote fa baithuti ba goroga le go katologana ga bone mo matlwaneng a borutelo.
Mopalamente a re o gwetlhegile go abela dikole tsa Nthwalang le Mmathethe dikobo go thusa baithuti mo pakeng eno ya mariga ka e le tsone di nang le boroko jwa baithuti.
A re mme o ne a bona go tshwanetse go abela le se segolwane sa Chichi kwa Molapowabojang ntswa se se na boroko jwa baithuti, seo e le go thusa bana ba ba nang le botlhoki le go rotloetsa seriti sa bana ba basetsana ka go aba mesangwana.
Rre Dikoloti o ne a leboga barutabana bangwe le batsadi mo dikoleng tseo ba ba neng ba seka ba ipona tsapa go thusa ka se ba nang le sone ka nako ya didirisiwa di tlhaela gore tiro e tswelele ba santse ba di letetse.
A re ka jaana puso e ne ya kopa setshaba go thusa letlole le le tlhomilweng go lwantsha go anama ga bolwetse COVID-19 ka madi kgotsa dithuso tse di farologaneng, a re seo se ne sa mo gwetlha go thusa ka dimpho tseo, fela a tlhalosa fa mesangwana yone e le thuso go tswa kwa komponeng ya Euclea Crispa.
Fa ba lekodisa mopalamente, baemedi ba dikole tseo ba ne ba supa fa ba ipaakanyeditse go amogela baithuti ba bangwe mo bekeng eno ka dipaakanyo tse ba setseng ba di dirile.
Le fa go ntse jalo, ba ne ba kopa tona gore go seka ga tsaya nako e telele go shafatsa dikago tsa dikole.
Ba ne ba lebogela dimpho go tswa kwa go mopalamente, ba supa fa di tsile ka nako e e siameng ka jaana dikobo tseo di tlaa jesa baithuti bothitho mo pakeng ya mariga. BOPA
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Loeto lwa tekolo dikole
Date : 21 Jun 2020