Breaking News

Bagwebi ba obamela melawana

18 Jun 2020

Beng ba marekisetso a bojalwa kwa  tikologong ya Masunga ba tsweletse ka go sala morago melawana ee tsamaisang dikgwebo tsa bone.

Mookamela mapodisi a Masunga, Superintendent Gaolatlhe Ngayaya, o boletse mo potsolotsong fa a itumelela gore bagwebi ba metse e a e tlhokometseng ba diragatsa tsotlhe tse di tlhokegang tebang le dikgwebo tsa bone.

Thekiso ya bojalwa e ne ya emisiwa go se gonene mo dikgweding tse pedi tse di fetileng go laola kanamo ya mogare wa corona.

Superintendent Ngayaya a re go bulelwa ga thekiso ya bojalwa go tsile ka diphetogo tsa dinako tsa thekiso, mmogo le melawana mengwe e bagwebi le bareki ba tshwanelwang ke go e sala morago.

Supt Ngayaya a re e sale thekiso ya bojalwa e bulelwa, ga ba ise ba lemoge kgotlhakgotlhano epe le beng ba dikgwebo tsa bojalwa.

A re go supagetse fa ba tsaya tsia taelo ya go kwala maina le go tsaya megote batho ba ba etelang madirelo a bone.

 Ka jalo o ne a ba gwetlha go tswelela ba tshegeditse mowa oo, go leka go lwantsha kanamo ya COVID-19 le gone go tila gore ba felele ba tseetswe dikgato.

Supt Ngayaya a re lentswa bareki ba sala morago ditaelo tsa go reka ba ya go nwela kwa malwapeng, dilabe ga di nke di tlhoka go nna teng, a supa fa ba setse ba nnile le tiragalo e le nngwe e mo go yone borre bangwe ba le babedi ba neng ba lebisiwa molato wa go nwela bojalwa mo mebileng kwa Masunga.

 Go ntse go le foo, a re bosheng jaana, mogwebi mongwe o ne a lebisiwa molato, mme a lefisiwa P2 000 a sena go fitlhelwa ka dipakete tsa metsoko di le masome a mararo le borataro.

 Mo go tse dingwe, mookamela mapodisi o boletse fa ba tlhotlhomisa ditiragalo tse tharo tsa go thujwa ga matlo go bo go utswiwa dithoto kwa Zwenshambe le Nlaphwane.

Supt Ngayaya a re ditiragalo tse di diragala jaana beng ba matlo ba seo,a tlatsa ka gore le ntswa go ne go tlogetswe bangwe go nna ba thodumela, go le gantsi go nna thata gore ba tshware dilalome ka jaana ditiragalo tsa go nna jalo di begwa morago ga nako.

A re ga ba ise ba tshware ope mabapi le ditiragalo tseo, a kopa setshaba go nna ba ba loma tsebe ka sepe fela se se belaetsang mo tikologong ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Potsoloso

Date : 18 Jun 2020