Breaking News

Mopalamente o neetse makhanselara dikobo

18 Jun 2020

Mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule o neetse makhanselara a kgaolo eo dikobo gore di abelwe banni ba dikgaolwana tsa bone.

Fa a bua kwa pulong semmuso ya ofisi ya gagwe kwa Mochudi bosheng, Rre Pule, yo gape eleng mothusa motsamaisa dipuisanyo tsa Palamente, o boletse fa a abetswe dikobo di le makgolo mabedi, tse a di fetiseditseng kwa makhanselareng.

Mokhanselara mongwe le mongwe o ne a fiwa dikobo di le masome a mabedi.

Mopalamente a re o solofetse dikobo tse dingwe di le masome a matlhano.

Rre Pule o kopile makhanselara gore dikobo tseo di abelwe ba ba di tlhokang thata.

Mopalamente o ne gape a kopa makhanselara gore ba rotloetse banni ba dikgotla tsa bone go tswelela ka go lwantsha bolwetse jwa COVID-19.

Fa a ntsha malebo, mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Banyenyi Davids o lebogetse mopalamente tiro e ntle ea e dirileng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : Mochudi

Event : Kabo dimpho

Date : 18 Jun 2020