Breaking News

BIUST e abela kgaolo potlana ya Tutume melora

18 Jun 2020

Baithuti ba dithuto tsa maranyane kwa Botswana International University of Science and Technology (BIUST) ba abetse kgaolo potlana ya Tutume melora e e tlhatswang dijana e le sekete le e tlhapang e le makgolo matlhano.

Fa a rola melora eo bosheng, mogolwane wa tsa kananiso mafoko kwa BIUST, Rre Godfrey Kgopana, a re melora eo e ne e dirwa ke baithuti ba dithuto tsa chemical engineering.

Rre Kgopana a re ba dirile melora e e tlhapang ka lemipi la kgomo.

A re baithuti ba bone go tshwanela go thusana le puso ka go aba melora e ba e dirang gore setshaba se kgone go tlhapa diatla kgapetsa-kgapetsa go itshireletsa mo mogareng wa corona.

A re ba dira gape melora e e bolayang megare e ba e abetseng lephata la botsogo le boitekanelo go dirisiwa mo dikokelong.

Fa amogela melora eo, mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Tutume, Rre Thatayaone Kehitile, o ne a lebogela baithuti bao tiro e ntle e ba e dirang.

 A ne a ba akgolela go bo ba kgonne go gakologelwa fa go na le bangwe ba ba tlhokang thuso mme ba ba abela dimpho ka nako ee thata.

Rre Kehitile a re dimpho tseo di tsile sentle, ka khansele e ntse e tlhaelelwa ke di dirisiwa bogolo jang melora, a tlhalosa fa melora eo e tlaa thusa thata kwa matlong a bonno a baithuti.

O ne a gwetlha Batswana go emisa mokgwa wa go reka melora kwa mafatsheng a sele, mme ba rotloetse dilo tse di dirwang mono.

Mookamela lekalana la botsogo kwa Tutume, Dr Irvn Kgetse, o ne a kopa baithuti go tshwara ka natla le go tswelela ka mowa wa go thusa batho.

Dr Kgetse o ne a kopa batho go itshireletsa mo bolwetseng jwa mhikela mo pakeng e ya mariga ka go apara bothitho.

Gape o ne a ba go tswelela ka go apara letsela le le thibang molomo le nko ka nako tsotlhe fa ba le mo mafelong a setshaba le go tlhapa diatla ka molora nako le nako. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Tholo ya dilwana

Date : 18 Jun 2020